Breaking News

Ba dira kakanyetso ya lenaneo la ditlhabololo

10 Nov 2014

E rile bosheng bogogi jwa khansele potlana ya Palapye jwa kopana le dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ya Tswapong Bokone kwa Lerala go dira lenaneo le lesha la ditlhabololo la bo lesome le motso.

E re ka lefatshe leno le tswa mo kwelo tlaseng ya itsholelo, mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Palapye, Rre Goloswang Ramogala o boletse fa go ne ga seka ga kgonagala gore go dirwe ditlhabololo tsotlhe mme seo ga se reye gore di ka seke di akanyediwe gape mo lenaneong le lesha la ditlhabololo.

O rotloeditse dikomiti tsa metse go akanyetsa ditlhabololo tsa bone ba tsentse marapo mo dinameng e bile ba na le tshepo ya gore tse ba di kopang di tla a diragala.  Le fa go ntse jalo, dikomiti ka go farologana di ne tsa ntsha dikopo tse di farologaneng mo metseng ya bone. 

Dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse di ne tsa bolela fa metse ya bone e tshabelelwa ke merwalela ka jalo go tshwanelwa ke gore go dirwe mesele e e ntshang metsi mo motseng. 

Ba boletse fa bangwe ba badirelapuso ba sena matlo a boroko mme go tshwanetswe gore go sekwasekwe gore a ba ka seke ba a agelwe mogodimo ga moo ba re metse mengwe ya Tswapong Bokone ga e na motlakase ka jalo go tshwanelwa ke gore e gokelelwe motlakase.

Matshwenyego a mangwe dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse di a ntshitseng ke a go tsaya ditlamelo kgakala, mafelo a a kgakala a go belegelwang teng le ditsela tse di fa gare ga motse tse di leng mo seemong se se sa itumediseng.  

Molaodi wa kgaolo potlana ya Palapye, Mme Veronica Rabakane o lebogile botlhe ba ba neng ba tla bokopanong joo bogolo jang makhanselara a a sa tswang go tlhophiwa mo ditlhophong tse di sa tswang go feta mo dikgaolong ka go farologana.

Mme Rabakane o boletse fa makhanselara ao ba supa fa ba na le pelo ya ditlhabololo ntswa ba ise ba tlhomamisiwe. 

O tsweletse a rotloetsa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse go dirisanya le dikomiti tsa badirelapuso mo metseng ya bone ka badirelapuso e le bone ba emetseng puso mme ba ka ba fa dikgakololo tse di lebaneng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Bokopano

Date : 10 Nov 2014