Go dira ka thata go a duela
10 Nov 2014
Go bolelwa fa thuto e le sedirisiwa se se botlhokwa thata mo botshelong ka e ka betlela motho botshelo jo bo siameng.
E rile a bua kwa moletlong wa kabo dimpho wa sekole se se botlana sa motse wa Letsholathebe kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, mothusa mookamela mapodisi a Masunga, Assistant Superintendent Boitshepo Kaisara a gwetlha baithuti go tlhoafalela thuto ya bone gonne mo metlheng eno gore motho a bone tiro e e ka mo fang dikatso tse di botoka tse di ka mo thusang go itepatepanya le diemo tsa botshelo, o tshwanelwa ke gore a bo a iteilwe seatla mo go bonalang.
Assistant Superintendent Kaisara a re ba ka kgona fela fa ba simolola go dira ka thata ba sale ba botlana. A re baithuti ba tshwanetse ba itse fa motho yo o senang thuto, e le moka a senang sa gagwe mo botshelong.
O tsweletse a bolela fa thuto e le yone e e fang motho lesedi le kitso ya go dira dilo ka go farologana mme ele ka fa go tshwanetseng.
O tsweletse a kopa batsadi go nna ba sekaseka tiro ya bana ya sekole gore kgone go itse gore ba tsweletse jang mo dithutong tsa bone ka go dira jalo go ka thusa gore bana ba dire sentle fela thata mo dithutong tsa bone. Mogolwane yoo wa sepodisi o abetse sekole sa Letsholathebe dipula di le makgolo a le matlhano go dirisiwa mo tsamaisong ya letsatsi le letsatsi ya sekole seo.
Mogokgo wa sekole seo, Mme Kemoneilwe Majoko o gwetlhile batsadi le barutabana go tshwaraganela go ruta bana boitsholo jo bo amogelesegang. O boletse gore seo se ka dira gore tikologo ya sekole e nne e e siameng e bile e itumedisa baithuti gammogo le barutabana.
Mme Majoko a re sekole sa bone se dirile sentle mo dingwageng tse pedi tse di fetileng ka go ntsha 67% ka 2012 fa ka 2013 ba bone 89.9%.
A re mme ka fa ba neng ba ipapanne ka teng monongwaga, ba ipeetse seelo sa 95% mme e bile o na le tshepo ya gore ba tla a se fitlhelela.
Le fa go ntse jalo, mogokgo a re o tshwenngwa ke gore sekole sa bone se tlhaelelwa ke ditlamelo di le mmalwa tse a tlhalositseng di na le seabe mo go folodiseng maiteko a bone a go gatela pele mo go ntsheng maduo a a itumedisang.
Fa a ntsha lefoko la kgothatso, mogolwane wa tsa bogakolodi go tswa mo komponeng ya I-Six Logistics, Rre Pangaman Kaisara o boletse fa go le botlhokwa gore morutabana, moithuti le motsadi mongwe le mongwe a itse boikarabelo jwa gagwe mo thutong.
Rre Kaisara a re go ka nna molemo fela thata fa boraro joo, bo ka bereka bo le seopo sengwe gore baithuti ba fitlhelele thuto ya boleng jo bo kwa godimo, jo bo ka thusang mo tswelelopeleng ya bokamoso jwa lefatshe leno.
Moletlo oo o ne o tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng ‘Go dira ka thata go a duela’. BOPA
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : LETSHOLATHEBE
Event : Kabo dimpho
Date : 10 Nov 2014