Breaking News

Borre ba santse ba goga dinao mo go tsa botsogo

10 Nov 2014

Borre ba kgothaditswe go tsaya boikarabelo ka botsogo jwa bone.

Kwa letsatsing la botsogo le le neng le rulagantswe ke badiri ba lephata la dikago (DBES) kwa Mochudi bosheng, modulasetilo wa lekgotla la Men Sector la kgaolo ya Kgatleng,  Rre Mmabaledi Dipheng a re go tlhamilwe lekgotla leo ka go lemosegile fa bontsi jwa borre ba ikgatholosa dikgang tsa botsogo mme a ba gwetlha gore ba eme ka dinao e nne bone ba ba etelelang bomme pele mo go tsa botsogo.

Rre Dipheng a re go na le kgang e e santseng  e ba tshwenya thata e mo go yone monna kana mosadi a  nnang le bakapelo ba le bantsi mme a tlhalosa fa mokgwa oo o le diphatsa fela thata.

O tlhalosa fa go nna le bakapelo ba le bantsi go na le ditlamorago tse di seng monate ka gore batho ba go nna jalo ba felela ba tsenwe ke malwetse a dikobo jalo a kopa setshaba go ikgapha mo mokgweng oo.

Rre Dipheng o kopile batsadi go bua le bana ba bone ka dikgang tsa tlhakanelo dikobo gonne ka fa dipatlisiso di supang ka teng bana ba basetsana ba dingwaga tse di fa gare ga lesome le botlhano go ya kwa go tse di lesome le borobabongwe mo kgaolong ya Kgatleng ba na le mogare.

A re se se tshosang ke gore bana ba basimane ba dingwaga tsa go nna jalo ga ba na mogare seo se supa gore bana ba basetsana ba dirisiwa ke borre ba ba tona mme a gwetlha batsadi go ema ka dinao go bua le bana ba bone.

O tsweletse a re nako ga se tsa maloba tse mo go tsone motsadi a neng a ka seke a bua le ngwana ka dikgang tsa tlhakanelo dikobo, a tlhalosa fa go bua le bana ka dikgang tseo go thusa fela thata.

O supile fa dipatlisiso di supile fa seemo sa  mogare wa HIV/AIDS mo kgaolong ya Kgatleng se le kwa godimo thata a tlhalosa fa ka 2008 e ne e le 15.8% fa ngwaga o o fetileng e ne e le 19.9%.

Fa a tswa la gagwe, Mme Galaletsang Mudongo go tswa kwa Kgatleng District Health  Management Team o tlhalositse fa lephata la botsogo le tsweletse sentle mo lenaneong la thibelo mogare go tswa mo go mmangwana go ya  kwa leseeng.

A re le fa motho a na le mogare wa HIV o kgona go tshola ngwana mme go na le ditsela tse ba di salang morago go netefatsa gore mmangwana o tshola ngwana yo o itekanetseng.

A re mme yo o tshelang ka mogare mme a eletsa go nna le ngwana o a tlhatlhobiwa go bona gore  bokete jwa masole a mmele bokae mme fa e le gore a feta 350 ke gone ba mo gakololang gore a ka nna le ngwana ba lebile botsogo jwa gagwe.

O tsweletse a supa fa ba tlaa bo ba mo tlhatlhobela le malwetse a mangwe a dikobo gore a seka a tla a a fetisetsa kwa ngwaneng.

Mme Mudongo o rotloeditse borre go nna ba tla le bomme ba bone kwa dipateleng go tla go utlwa ka dikgang tsa botsogo gonne a re moo go ka  ba thusa fela thata go itse gore go diragala eng mo botsogong jwa bone.

O rotloeditse bomme go ikwadisetsa boimana ba na le dikgwedi di le pedi gore ba bongaka ba kgone go ba thusa boimana bo santse bo le bo sha fa e le gore go na le malwetse mangwe mo go bone.

E ne ya re go le pele fa a amogela baeng, mogolwane wa lephata la dikago, Rre Galebotswe Nakedi  a supa fa ba bone go le maleba go nna le letsatsi la botsogo gore ba kgone go itshekatsheka e le badiri mo dikgannyeng tse di amang  botsogo jwa bone.

A re mo lephateng la bone ba botsogo ba tsaya botsogo ka tlhoafalo ka ba itlamile gore fa mongwe wa bone a sa tsoga sentle kana a robaditswe kwa sepatela ba mo rekela dijo tse a di tlhokang e le tsela ya go mo gomotsa.

O tsweletse a re ba kopana beke le beke ka Labone go bua ka botsogo jwa bone mo tirong, a tlatsa ka gore nako tse dingwe ba laletsa mongwe go tla go ba tlhatlhelela ka tsa botsogo mme a re seo se thusa go tokafatsa maduo  mo tirong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : MOCHUDI

Event : Letsatsi la botsogo

Date : 10 Nov 2014