Motlobo wa dibuka o tlaa tswela morafe mosola
10 Nov 2014
Go agiwa ga motlobo wa dibuka kwa Tlokweng go tlaa tswela Batlokwa mosola.
Mogolwane go tswa kwa Botswana Retired Nurses Society, Mme Lesego Mabona, fa a bua kwa moletlong wa tshimolodiso ya kago ya motlobo oo bosheng, o boletse fa tshimologo ya tiro nngwe le nngwe e le makgwakgwa mme fa e tsweletse e siame bogolo jang fa go na le ba ba emeng tiro nokeng.
O kopile morafe go ba thusa ka sengwe le sengwe se ba ka se kgonang gore tiro ya bone e atlege. Mme Mavis Kewakae o tlhalositse fa ba rotloediwa ka madi ke ba Stephen Lewis Foundation kwa Canada mme a tlhalosa fa madi ao a sa lekane go dira tiro eo e bo e fela.
O supile fa ba ne ba nna le kgwetlho ya go bona lefatshe la go ka aga motlobo o mme ba khansele ba ba gakololwa gore ba direla teng mo lefelong le ba nang le lone ka go se motlhofo go bona lefatshe mo motseng.
O tlhalositse gape fa ba khansele potlana ya Tlokweng ba tsere lebaka go amogela moalo wa kago ya motlobo o, se se neng sa dira gore barotloetsi ba bone ba tshosetse go busa madi a ba a ba fileng go a abele ba ba tla a dirisang.
Mme Kewakae o supile gape fa ba ne ba eleditse go simolola tiro e ka Moranang mme ba felela ba sa kgone ka ntlha ya tiego e.
Mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Tlokweng, Rre Steven Motlogelwa o supile fa a sa itse ka tiro e, a tlhalosa fa go le botlhokwa gore ba BORNUS ba ka bo ba ne ba mo itsesitse gore a tle a e tsibogele. O supile fa a tlaa ntsha modiri wa khansele go lebagana le tiro eo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : RAMOTSWA
Event : Tshimolodiso ya kago
Date : 10 Nov 2014