Breaking News

Dipoelo tsa komiti di akolwa ke botlhe

10 Nov 2014

Kgosi Khimbini Moalosi wa Makuta a re go a itumedisa go bona komiti ya ditlhabololo tsa motse e tsweletse ka go kokoanya madi a e a  dirisang ka tsela e e sologelang banni botlhe ba motse mosola. 

Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Moalosi o supile fa komiti eo e gatetse pele e bile go itshupa fa e itomile molomo wa tlase go tswelela e dirisa madi mo ditirong tse di tlhabololang motse. 

A re se se kgatlhisang thata ke go bona komiti eo e  sa ikgagapele madi ao mme e na le morero le banni ba motse. Kgosi a re se se dirwang ke komiti go supa fa mowa wa boipelego o santse o rena mo motseng wa gagwe.

Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Alakanani Thabiwa o boletse gore morago ga go lemoga fa tlhaelo ya madi ele kgwetlho e e neng e ba kgoreletsa go ka diragatsa maitlamo a komiti jalo ba itlama go ikokoanyetsa madi mme ba reka tante e ba e adimisang banni ba motse fa go le mediro kgotsa dintsho.  

A re le ntswa kgwebo ya go adimisa tante e tsenya madi ka bonya, gone ga go tshwane le fa ba ntse fela. 

Rre Thabiwa o supile fa komiti e roletswe boikarabelo jwa go tsamaisa ditirelo tsa kwa Kitsong Centre tse di akaretsang go ntsifatsa dipampiri, go kwala go dirisiwa khomputara le tse dingwe tsa maranyane a sesha. 

A re ditirelo tseo le tsone di na le seabe se se bonalang go direla komiti madi ka ba setse ba kgonne go kokoanyetsa madi a a fetang dikete tse di masome a mane tsa dipula.

O boletse gore bontlha bongwe jwa dipoelo tse di dirisitswe go aga matlo a boitiketso kwa mabitleng a motse le mo kgotleng mme e bile  ba agile ntlo ya kamore tse pedi e ba bayang didirisiwa tsa lenaneo la Ipelegeng mo go yone. 

Rre Thabiwa a re dipoelo dingwe  di dirisiwa go thusa ka nako ya modiro wa kabo dimpho kwa sekoleng se se botlana sa motse kgotsa fa go le dikgaisano tsa bana ba sekole.

Go sale foo Rre Thabiwa o supile fa lefelo la Kitsong le sa sologele komiti mosola fela, a re ke tlhabololo nngwe e banni ba motse ba e amogetseng ka tsoo-pedi e bile ba e somaretse fela thata.  A re ba kgatlhegela ditirelo tsa teng  e bile di dirisiwa ke batho ba le bantsi fela thata. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 10 Nov 2014