Ipelegeng e gatetse pele
09 Nov 2014
Komiti ya ditlhabololo tsa Takatokwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng e gatetse pele mo go tswelediseng ditlhabololo dingwe mo motseng ka lenaneo la Ipelegeng.
Seo se supilwe ke modulasetilo wa komiti eo mo potsolotsong, Mme Annah Diatla a kaya fa lenaneo leo le ba sologetse molemo fela thata ka ba kgonne go itirela ditlhabololo tsa sennelaruri di akaretsa kago ya leobo la kgotla, go agelela mabitla, mme e bile ba santse ba ikopetse ditiro dingwe tsa go shafatsa matlwana a baithuti kwa sekoleng se sebotlana.
O akgotse puso go menagane go simolodisa lenaneo le, a supa fa le direla komiti ya ditlhabololo tiro motlhofo go diragatsa dikeletso le ditoro tsa motse. A re babereki ba lenaneo le ba dira ka natla go phepafatsa motse ebile o a kgatlhisa fela thata.
O supile gape fa banni ba motse oo ba ithusa thata ka Ipelegeng ka go sena ditiro mo metseng e mebotlana mme a gwetlha botlhe go dirisa madi a ba a bonang mo Ipelegeng ka boikarabelo go na le go a jela fela mo ganong.
Go ntse go le foo, Mme Diatla o kopile banana gore ba lese go inaakanya le Ipelegeng ka ba santse ba na le go ka dirisa mananeo a mangwe a puso, go balelwa le la go boela sekoleng ka gore dingwaga tsa bone di santse di le kwa tlase.
Mme Diatla a re go na le mananeo a le mmalwa a a ka thusang banana go ipulela dikgwebo tse dipotlana jalo a ba lemotsha ka botlhokwa jwa go etela ofisi ya banana go ya go tlhalosediwa ka mananeo a puso e a ntshitseng go ba thusa.
O kaile fa bangwe ba ba neng ba tsibogela go ikopela dithuso tseo ba gatetse pele ka ba ipuletse dikgwebo tsa go roka le thuo.
A re ntswa puso e dirile maiteko go ba atametsa ditlamelo le mananeo ka go ba rolela diofisi tsa ditirelo go akarediwa ya banana ngwaga o o fetileng, go lebega bangwe ba santse ba le maoto a tshupa go e dirisa mme ba ikamantse thata le la nakwana la Ipelegeng.
A re pele ga go bulwa ga diofisi tseo ba ne ba tsamaya sekgala se se leele go ya go ikopela ditirelo, selo se a reng se ne se ba beile fela thata ka fa mosing.
O ba kaetse fa nako e gorogile ya gore ba ikemele ka dinao go ikopela dithuso go araba kgwetlho ya letlhoko la ditiro le le ba apereng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Shelley Kasefitlhela
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 09 Nov 2014