Makhaselara a tshwenngwa ke tlhaelo ya dikoloi
09 Nov 2014
Makhanselara a kgaolo ya Borwa a re a tshwenngwa ke go tlhaela ga dikoloi mo maphateng a puso ka kakaretso, bodiredi, tirisano mmogo le kwelo tlase ya itsholelo e ba bolelang fa ba sale ba e lemogile ba ise ba nne makhanselara.
Mo thuto-puisanong ya go ba suga ka tsamaiso ya dikhansele kwa Kanye bosheng, makhanselara a boletse fa ba solofeditse Batswana gore ba ya go dira ka natla go ba tlhabolola go gaisa ba ba neng ba ntse ba tshwere.
Makhanselara a boletse fa tlhaelo ya dikoloi e le mmaba o motona thata ka gore ditlamelo di ya morago ga nako kwa batlhophing, mme go dire gore ba ba tlhoboge.
Ba boletse fa mananeo a puso a le matsorotsoro e bile a le mantle mme go a diragatsa go le thata ka ntata ya tlhaelo ya ditsompelo, boeteledipele jo bo senang boikarabelo le go tlhaela ga madi. Ba boletse fa maikaelelo a bone e le go tla go bereka mmogo le bogogi ja maphata a puso otlhe go balelwa bogosi, molaodi, ba kabo ditsha le khansele.
Ba solofeditse fa ba tlaa dirisana mmogo le dikomiti tsa metse go tshwaraganela ditlhabololo le go di rulaganya ka letlhoko la tsone.
Ba re ba ngongoregela gore dingwe tsa ditlhabololo di sale di nna mo lenaneong la ditlhabololo mme nako kgolo ke eno, di ntsheditswe madi mme di nna di seegelwa fela fa thoko. Mo dikgannyeng tse dingwe motlhatlhobi wa dibuka mo khanseleng ya Borwa, Rre Mompoloki Maswabi o kgothaditse makhanselara go thusana le puso go lwantsha tshenyetso setshaba e e gaketseng mo maphateng a puso.
Rre Maswabi o ba kopile go nna le boikarabelo mo go begeng sengwe le sengwe se se belaesegang se sa tsamaye sentle kwa go lebaneng gore tshenyetso setshaba e seka ya bona phatlha. O ba rotloeditse go nna batlotlegi ba ba ka sekeng ba inaakanye le tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo.
O boletse fa 10% ya batho e le bone fela ba ba tshabang tshenyetso setshaba lebaibai, fa 80% e le ba ba fa gare, mme 10% e le bommampodi ba tshenyetso setshaba.
A re mo maphateng a puso tshenyetso setshaba e a ronoka mme a re kgang e e dirwa ke mabaka a mantsi thata, kgang e tona e le pipa molomo. O kopile makhanselara go nna leitlho la setshaba ka gore tshenyetso setshaba e diga itsholelo ka bokete jo botona.
Makhanselara a dumelane ka bongwe fela ja pelo gore tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo di atile bobe bogolo jang mo dikgaolong tsa kabo ya diteseletso, dikago, sepodise le ipapatso.
Ba boletse fa seo se dirwa ke gore baokamedi ga ba tsenye leitlho le le tseneletseng mo ditirong tsa puso mme ba solofeditse go itsolopaganya go laola seemo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Thuto-puisanyo
Date : 09 Nov 2014