Kimberly Diamonds e tlhabolola moepo wa Lerala
09 Nov 2014
Mogolwane wa moepo wa teemane kwa Lerala, Rre Deon Venrmuellen a re khamphani ya Kimberly Diamonds Limited go tswa kwa Australia e tlaa dira diphetogo dingwe tse di tlaa rotloetsang gore moepo oo o ntshe selekanyo se se solofetsweng sa teemane.
Fa a bua kwa dipuisanong fa gare ga boeteledipele jwa moepo wa Lerala le banni ba motse oo bosheng, Rre Venrmuellen o boletse fa ba lemogile dilo dingwe tse ba tshwanelwang ke go di baakanya pele ga moepo o ka bulwa.
Rre Venrmuellen a re tiro ya go baakanya moepo e tlaa tsaya dikgwedi di ferabongwe mme e tla a re morago ga moo moepo o bulwe. A re dipaakanyo tseo ke tsone tse di tlaa dirang gore teemane e kgone go ntshiwa ka selekanyo sa dithane di le 120 000 ka kgwedi.
Rre Venrmuellen a re kompone ya Kimberly Diamonds Limited e e sa tswang go reka moepo wa Lerala mo go ba Mantle Diamond Limited e na le boitseanape le bokgoni jo bontsi jwa ditswa mmung ka e tsweletse e dira go le gontsi kwa lefatsheng la Australia.
O tsweletse a re banni ba tshwanetse go wela dibete ba e tshephe ka e tlaa dira tiro e e lolameng. A re kompone ya gagwe ga e a reka moepo wa Lerala fela e sena ponelopele mme e kgonne go dupa le go lemoga fa go na le teemane e ntsi kwa tlase ga lefatshe.
A re botshelo jwa moepo wa Lerala e tlaa nna dingwaga tse supa mme go na le kgonagalo ya gore di ka nna lesome le bobedi.A re e tlaa re fa go sena go dirwa dipaakanyo kwa moepong go thapiwe babereki ba ka nna makgolo a mararo mme ba tlaa tswelela ba fiwa ithutuntsho e e itebagantseng le moepo.
O tsweletse a re fa moepo o thapa o tlaa fa banni ba motse wa Lerala sebaka se sentsi sa go bona ditiro. Rre Venrmuellen a re go tla a nna le mananeo a le mantsi a a itebagantseng le go tlhabolola banni ba motse wa Lerala.
Le fa go ntse jalo, kgosi wa motse wa Lerala, Rre Sello Moroka a re o na le tsholofelo e ntsi ya gore kompone ya Kimberly Diamond Limited e tla a direla banni bomolemo.
O boleletse banni fa a ntse le bokopano le baeteledipele ba kompone eo makgetho a le mantsi mme ba mo solofetsa fa ba tlaa dirisanya sentle le banni bogolo jang ba meraka e e bapileng le moepo wa bone.
Kgosi Moroka o rotloeditse banni go itshwara sentle le go dirisanya le badiri ba moepo ka bangwe ba tla a bo ba tswa kwa mafelong a sele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : LERALA
Event : Dipuisano
Date : 09 Nov 2014