Seretse o rotloetsa bopelotlhomogi
09 Nov 2014
Tona wa pele wa lephata la itshireletso, molao le thokgamo, Rre Dikgakgamatso Seretse o kopile setshaba go tsosolosa mowa wa bopelotlhomogi.
Rre Seretse o buile se fa a ne a bula se mmuso ntlo ya ga Rre Pidiso Itumeleng wa kgotla ya Makolojane kwa Serowe ka Labotlhano.
Rre Itumeleng o ne a agelwa ntlo eo ya dikamore tse tharo, ke ba sekole sa ithutelo booki sa IHS kwa Serowe morago ga gore ene le bana ba gagwe ba le lesome le bobedi le bana ba bana bale borataro ba nne mo mokhukhung wa kamore e le nngwee mme e bile ele bomaipaafela.
Rre Seretse a re mowa wa bopelotlhomigi ga o a tshwanela go nna fela mo pusong kgotsa mo dikhamphaneng mme le mo setshabeng fela ka kakaretso bogolo jang baagasanyi.
A re pele baagasinye ne ba thusana e bile go sena gore bangwe b aka lala ka tlala ba bangwe b aba labile, mme ka jalo a rotloetsa setshaba go ema ka dinao go thusa bangwe ka bone. A re fa Batswana b aka boela kwa morago ba sala setso sa bone morago b aka kgona go thusana gore botshelo bon ne monate.
O ne a tlhalosa gore mowa wa boithaopo ke mowa fela yo o eletsegang mo botshelong ja motho mme se se dirilweng ke ba sekole se sa baoki ke mowa o fela o supang le lone lorato.
Rre Seretse a re pelo e ntle e kaiwa ka ditiro tsa yone mme ba sekole sa baooki ba supile fa ban ale mowa o montle wa go bone gore setshaba se ba tshelang le sone se nna le seriti. A re gore motho a nne le seriti mo botshelong go simolola fela ka gone go nna le moriti yo a tshabelang dipula le letsatsi mo go gone, a tlatsa ka gore moriti yo motona wa motho ke bonno.
O ne a tlhalosa gape gore se se dirilweng ke ba boipelego, kereke ya Roma, ba komiti ya ditlhabololo tsa motse le dikompone ele selo fela se se amogelesegang go bob a bone gore ba tshwaragane ba fe Boorra Itumeleng bonno jo bo tshwanang le jwa batho.
BooRra Itumeleng ene ele bo maipaafela ba nna mo mokhukhung, mme ba boipelego b aba kopela setsha sa bonno mo kgotleng ya Makolajane, fa ba komiti ya ditlhabololo yone e ena ya thusa ka go ba agelela ka terata fa ba kereke ya Roma bane b aba tsenyetsa pompom o jarateng.
Dikompone ka go farologana le bangwe ba ne ba thusa gore Boorra Itumeleng ba nne le bonno.
Go ya ka mogokgo wa sekole se, Mme Tebogo Gwaila one a tlhalosa fa ntlo eo e gagilwe ke ban aba sekole le babereki ba IHS ka mowa wa boithaopo.
Mme Gwaila a re kwa sekoleng ban ale lekalana la sekeresete e ka lone maikaelelo a lone eleng go thusa setshaba mme k aba le moono mongwe fela le bogigi ba sekole ba kop aba boipelego gore b aka thusa mang gomo agela ntlo.
A re tiro yotlhe e dirilwe ke bone ka mowa wa go ithaopa, mme ba felela ba agile ntwlana ya boitiketso le ntlo ya dikamore tse tharo gore ba lewapa leo le bone ban ne le seriti jaaka Tautona a ne a kopile setshaba go thusa go agela batlhoki matlo a bonno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : SEROWE
Event : Pulo-semmuso ya ntlo
Date : 09 Nov 2014