Setlhopha sa Thokgamo se abela sekole
09 Nov 2014
Setlhopha sa khwaere ya Thokgamo kwa Tonota se abetse sekolo se se potlana sa Semotswane dijo le madi a a ka tshwarang dipula di le dikete di le pedi go ithusa mo moletlong wa kabo dietsele oo tla tshwarwang kgwedi eno e le lesome le bone.
Mothusa mokwaledi wa khaere eo, Mme Oatametse Nkwamba a re maikaelelo a magolo e ne e le go aba dikhomputara. Mme Nkwamba o tlhalositse go re e re le ntswa ba sa atlega ka mabaka a go tlhoka madi fale le fale, seo ga se kitla se ba kgoba marapo mo maitlamong a bone.
O rurufadiste gore ngwaga e tlang ba tsile go abela sekole seo dikhomputara, a tlatsa ka gore tsholofelotso ga e tlhabise ditlhong. Mme Nkwamba a re ba gwetlhilwe ke go bona maduo a bana a wela tlase ngwaga le ngwaga mme a re ka thotoetso ya maranyane a segompieno se se tla a ba kgothatsa go tsenya marapong dinameng.
A re ba ipeetse seelo sa go aba ngwaga le ngwaga, ka ba gwetlhilwe ke lengwe la matshego a tebelopelo pele ya lehatshe ya 2016, a go nna sechaba se se kutlwelo-botlhoko mme le bone ba tshwanelwa ke go tsaya karolo.
Mothusa mokwaledi o tlhalositse fa ngwaga e e fetiling ba ne ba abela mme mongwe ntlo kwa Mmandunyane, a tlatsa ka gore ba tsile go tswelela fela ka mowa oo wa kutlwelo-botlhoko.
Fa amogela dilwana tseo, mogokgo wa sekole Mme Grace Selalame a re dilwana tseo di tla a ba thusa fela thata ka ebile bane ba tlhaelelwa mo tirong ya bone.
A re sekole seo, se se butsweng ka ngwaga wa 2002, se tla se dira fela sentle mo maduong mme o tlhalositse gore go simolola ka ngwaga wa 2008 le 2009, maduo a ne a wela tlase ka masome a borataro le bone mo lekgolong, mme a ne tswelela fela jalo go fitlhelelela ngwaga e e fitileng.
Mogokgo a re ba bone go tshwanela gore ba dire moletlo wa kabo dietsele go leka go rotloetsa bana go tsholetsa maduo.
Mme Selalame o buile gore morago ga kabo dietsele ya ntlha, go ne ga nna le diphethogo mo maduong ka koketsego ya masome a robabobedi mo lekgolong.
A re batsadi ba supile kgatlhego ya go bereka le bone mo diphuthegong tsa sekolo, a tlatsa ka gore le bone e le barutabana ba tsenelela diphuthego tsa motse, ka jalo a re seo se ba tshwaragantse thata.
Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana Mme Pontsho Mongwewarona o lebogetse dilwana tseo ka boitumelo jo bogolo le go ba fa masego le matlhogololo ka tiro e ntle e ba e dirang ya go thusa setshaba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mpho Goitsemang
Location : SEMOTSWANE
Event : Kabo-dimpho
Date : 09 Nov 2014