Breaking News

Moopedi o jesetsa babogedi ka mogopo o tletse

09 Nov 2014

E rile bosheng Mme Kebadiretse Belemo yo o itsegeng ka leina la Masa a emisa barati ba mmino wa sedumedi ka dinao kwa holong ya Makhubu jaaka  a ne a simolodisa kgatiso ya gagwe ya dipina semmuso. 

Mme Belemo o tlhalositse gore maikaelelo a gagwe ke go fetola matshelo a banana a dirisa mmino wa sekeresete.  A re kgatiso ya gagwe ya  setlhogo sa He lifted me up e e nang le dipina di le lesome le boraro e golotswe Tlhakole mono ngwaga .

Mme Belemo o tsweletse a re o kgonne go dira kgatiso ya gagwe ka thuso ya Moruti Macdonald Ndlovu wa Bible Ministries mme  go ne go se motlhofo.

 A re o lebogela thotloetso ya ba lelwapa la gagwe le bakaulengwe ba kereke, dikompone tse di ikemetseng di tshwana le First National Bank, Stanbic Bank le Barcelos gammogo le  Taskin Nine go tswa Gaborone.

O tlhalositse gore o segile di CD di le 500 mme di rekilwe tsotlhe, mo a bolelang fa go supa gore e dira sentle mo mmarakeng.  A re o solofetsa balatedi le barati ba mmino wa sekeresete gore ngwaga o o latelang o tla dira go tlala ka diatla. 

O tlhalositse gore keletso ya gagwe ke gore banana ba balekane ba gagwe le bomogolowe ba ikaege thata ka Modimo ka go sena se ba ka se kgonang kwa ntle ga thuso ya Modimo.

Ba ba neng ba tsene moletlo ke diopedi di akaretsa Tankiso, Lebohang go tswa Lesotho le setlhopha sa Wisdom go tswa Swaziland.  O kopile setshaba go tswelela ba reka mmino wa gagwe ka a tlhalosa fa o ka dira pharologanyo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Potsolotso

Date : 09 Nov 2014