Breaking News

Ba kopilwe go nna podi matseba

06 Nov 2014

Setshaba se gakolotswe go ikelatlhoko le go itlhokomela thata mo dilalomeng.

E rile a bua mo potsolotsong morago ga go thubiwa ga matlo go bo go utswiwa dilwana kwa Masunga bosheng, motshwarelela mookamela mapodisi a Masunga, Assistant Superintendent Thuso Basuti a bolela fa setshaba se tshwanetse sa itse fa ditiragalo tsa borukutlhi di na le go oketsega mo pakeng ya ngwaga o fela, ka jalo a tlhagisa batho go dira gotlhe mo ba ka go kgonang go leka go itlhokomela le gone go itepatepanya le seemo se.

A re thulaganyo e tshwana le ya ntebele ke go lebele, ke nngwe ya tse setshaba se tshwanetseng go di dirisa ka e thusa thata gore batho ba kgone go itse ka se se diragalang mo malwapeng a a mabapi le bone, a tlatsa gape ka go rotloetsa batho ba ba mabapi go nna ba tswa mongwe ka bone thuso fa a tlhasetswe. O tsweletse a kopa batho bogolo jang bomme gore ba seka ba nna ba le nosi mo malwapeng.

Assistant Superintendent Basuti a re mo nngweng ya ditiragalo tseo, banna bangwe ba le babedi ba ne ba thuba ba bo ba tlhasela motho le kgaitsadie mme ba ba amoga laptop, cellphone tse pedi le diaparo, tse tsotlhe di ka lopang P10 000. Mo tiragalong ya bobedi, mme mongwe le ene o  tlhasetswe ke banna ba le babedi mme ba mo amoga cellphone tse pedi tsa tlhwatlhwa ya P800.

Mookamela mapodisi a re batswa setlhabelo mo ditiragalong tseo, ba ne ba bona dikgobalo tse di potlana mme ba alafiwa kwa kokelong ya Masunga ba bo ba gololwa gone foo, a re mme ba tlhalositse fa banna bao ba ne ba bua Setswana se se tlhapileng. Assistant Superintendent Basuti o tlhalositse fa go ise go tshwarwe ope mabapi le ditiragalo tseo, ka jalo a kopa setshaba go ba thusa go tshwara banna bao kgotsa go ba loma tsebe ka mongwe fela yo ba ka tswang ba mmelaela.

E ntse e le mo tiragalong ya go tshwana le tseo, Rre Richard Selala yo le ene ntlo ya gagwe e batlileng go thujwa, o boletse fa a ne a utlwa mokgwasa ka nako ya bongwe mme ya re a okemela a bona monna a leka go senya tshipi e e thibelang magodu ya lebati la ntlo ya gagwe.

Rre Selala, yo o direlang mo khanseleng ya Bokone Botlhaba a re e re ka jaana a ne a emetse monna yoo sentle go mo rutela ba le bantsi, maiteko a gagwe a go kgona go tsena mo ntlong a ne folotsa, mme a begela mapodisi ka tiragalo eo le fa ntswa ba fitlhetse selalome se setse se tsene ka lenga la seloko. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Potsolotso

Date : 06 Nov 2014