Breaking News

Molaodi o kopa bogogi go tsena diphuthego

06 Nov 2014

Molaodi wa kgaolo potlana ya Tutume, Rre Michael Chilimba a re ga a itumedisiwe ke baeteledipele ba maphata ba ba sa tseneng diphuthego tsa dikomiti tsa maphata.

Mo phuthegong ya komiti ya District Extension Team kwa Tutume ka Laboraro, Rre Chilimba o tlhalositse fa a tswa kgakala a bua ka kgang ya badirela puso ba ba sa tsibogeleng diphuthego tsa dikomiti mme a bolela fa a kwaletse batho makwalo ka jalo a ka se ba latele mo diofising tsa bone go ba kopa go tla bokopanong.

O tlhalositse fa a tla isa maina a ba ba sa tseneng bokopano jwa dikomiti tse di mo kgaolong kwa ofising ya mokwaledi mogolo wa lephata la dikgaolo le tlhabololo matshelo a selegae go tlhalosa mathata a bone. 

O gwetlhile baeteledipele bao go nna le boikarabelo, a re gangwe le gape go supiwa fa kgaolo potlana ya Tutume e saletse kwa morago mo go ntsheng maduo mme seo se dirwa ke gore go na le bangwe ba ba gogelang kwa morago ka jalo go dige kgaolo. 

O ba kopile go itsolopanya go dira ba le seopo sengwe go ntsha kgaolo mo seemong se e lejwang ka sone. Mo komiting eo ya DET maphata ka go farologana a tshwanetse go bega ka fa a tsweletseng ka teng. 

E re ka go na le ka fa ba rulaganyang pego ya bone ka teng, bontsi bone bo sa sala tsamaiso morago mme ba letlelelwa go ntsha dipego tsa bone fela ba bo ba laelwa go di baakanya go tsamaelana le tsamaiso ya go kwala pego ya teng.

Mogolwane wa lephata la dipagamo le ipabalelo tseleng kwa Tutume, Mme Malebogo Seodubeng a re ba lebanwe ke kgwetlho e tona ya batho ba ba ikopelang ditlhatlhobo ba sa ithuthuntsha. 

Mme Seodubeng a re bothata joo thata bo mo go ba ba ikopelang go kwala matshwao a tsela, a supa fa mo bathong ba le 334 ba ba neng ba ikopetse go kwala, go fentse ba le masome a marataro le bongwe fela fa ba le makgolo A mabedi le masome a supa ba sa dira sentle.

 A re gape ba na le bothata jwa motlhatlhobi wa dipale le wa tsela jalo go tsaya lobaka go dira ditlhatlhobo tsa go nna jalo ka ba ikaegile ka ba Francistown ba le bone ba thusang toropo ya Sowa le Kasane.

Molemisi wa kgaolo ya Tutume, Rre Thomo Rantsudu o boletse fa go na le balemi ba ba iseng ba tseye madi a bone a temo a ngwaga o o fetileng.  A re banana ba kgaolo ya Tutume ba dikile ba lemile ka dipalo tse di kwa godimo thata ka go supile fa ba le 1386 ba lemile ka 2013/2014. 

Molemisi o ile a bolela fa ba setse ba amogetse dikgetsi tsa mmidi di le lekgolo le masome a marataro le menontshane mme di emetse balemi go tla go paka.  A re gape ba nale thulaganyo ya tiriso ya maranyane go romelela balemi melaetsa ka megala ya letheka go ba sedimosetsa ka methale e mesha ya temo.

Mokwaledi wa khansele potlana ya Tutume, Rre Lawrence Mazinyane o akgotse ba ba kgonang go tla bokopanong jwa dikomiti fela thata.  Rre Mazinyane o rotloeditse tshwaragano le tirisanyo mmogo go isa kgaolo kwa pele.  

O ba kopile go sala tsamaiso ya go dira pego morago mme a supa fa go tlhaela thuto gore bodiredi bo tlhaloganye ka komiti eo ka jalo a tlhalosa fa go tlhokana le thuto-puisano go ka ba baya mo leseding. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Buyendasi

Location : TUTUME

Event : Phuthego ya komiti ya bodiredi jwa motse

Date : 06 Nov 2014