Pula e faladitse banni
06 Nov 2014
Banni bangwe ba metse ya Goo-Sekgweng, Goo-Tau le Manaledi ba setse fela ba itshophere morago ga gore dipula le diphefo tse di mashetla di dire tshenyo mo metseng ya bone.
Mo potsolotsong, kgosi ya Goo-Tau, Kgosi Maele Maele o boletse fa pula e e mashetla e tsere oura le sephatlo ka Labobedi tshokologo, mme e tlogetse bangwe ba sena dijo, bonno le motlakase.
A re pula eo e ne ya dira tshenyo e ntsi mo motseng ka e ne ya diga ditlhare, ya rutlumolola matlo mme metsi a tsena mo matlong a kolobetsa dilo tse di farologaneng di akaretsa diaparo, dilwana tsa ntlo le dijo.
A re go ne ga amega banni ba Goo-tau ba le masome a mararo le bongwe mme a re o dumela fa go na le bangwe ba ba iseng ba iponatse go ba begela ka jalo a re palo eo e ka nna ya oketsega.
A re kwa motseng wa Manaledi go ne ga amega banni ba le barataro fa kwa motseng wa Goo-Sekgweng gone go amegile ba le lesome le bongwe. Kgosi Maele a re ntswa bontsi jwa banni ba ne ba sala ba sena dijo le kwa ba latsang tlhogo teng, ga go na ope yo o boneng dikgobalo.
Kgosi Maele o boletse fa banni ba ba amegileng ba tla a bona thuso ya nakwana go tswa kwa ofising ya ga molaodi e akaretsa ditante le dijo ka mothusa molaodi wa kgaolo potlana ya Palapye, Mme Segametsi Koontse a ne a tla go lekola seemo.
A re ba lephata la boipelego ba mo thulaganyong ya go sekaseka seemo gore banni ba neelwe thuso e e lebaneng. Kgosi Maele a re o tshwenngwa ke gore matlo mangwe a a amegileng ke a badirelapuso mme ga ba ise ba bone thuso epe.
A re matlo a badirelapuso bao ba nnang mo go one ke a komiti ya ditlhabololo tsa motse mme komiti e bolela fa e sena madi a go a baakanya. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : LERALA
Event : Potsolotso
Date : 06 Nov 2014