Kgang ya bogosi kwa Oodi e tsositse kgaruru
06 Nov 2014
Banni ba Oodi mo kgaolong ya Kgatleng ba boleletswe gore ba tshwanetse go itlhophela kgosi ka Kgosi Molebatsi Semele a sa bolo go tlhokafala.
Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo bosheng, Kgosi Segale Linchwe a tlhalositse fa morafe o tshwanetse wa itlhophela motho yo bone ba mmatlang mme morago ga moo ba ka isa leina leo kwa kgotleng kgolo ya Bakgatla kwa Mochudi.
E rile ba mo kgwa kgaba, banni ba supa maikutlo a a farologaneng ka bogosi jwa motse wa bone ka bangwe ba supa fa ba sa itumelele ka fa motshwarelela kgosi wa motse oo a ba eteletseng pele ka teng.
Rre Phatsimo Lucas o tlhalositse fa ba kile ba ya go ikuela kwa Mochudi morago ga gore ba supegediwe ngwana mongwe mo motseng go bolelwa fa e le ene yo o tlaa nnang kgosi ya bone. O tsweletse a re ga ba a amogela ngwana yoo ka ga a tlhophiwa ke morafe gonne bone ba dumela gore kgosi e tshwanetse ya tlhophiwa ke morafe.
Rre Lucas o supile fa kgang eo e kgaogantse motse gabedi e leng ba ba kgatlhanong le tshwetso eo ya go tlhomiwa ga kgosi le ba ba dumelanang le kgang eo.
O tlhalositse fa motshwarelela kgosi ya bone, Rre Paul Rantabe a sa ba tseye sentle a supa fa a kile a re ene ke Mokgatla wa dipampiri fela mme tota ene ke Motlokwa, selo se a kaileng fa se sa siama.
Rre Ramokokole Digangwa le ene o supile fa ba sa amogela ngwana yo ba mmontshitsweng, a tlhalosa fa e ne e se ka ditumalano tsa bone e le morafe ka gore bone se ba se batlang ke go itlhophela moeteledipele yo ba ka berekang le ene sentle.
Fa a tswa la gagwe, Rre Ramabi Semele o boletse fa ba kile ba bitsa morafe go ba bontsha ngwana wa ga Kgosi Semele gore e nne ene a tsayang setilo sa ga rraagwe le ntswa bangwe ba ne ba sa dumalane le kgang eo.
A re ba ne ba rwala ditlhako go ya Mochudi mme ba busiwa ba tlhalosediwa fa ba tsile e le Batlokwa go sena Bakgatla mo lekokong la bone mme e bile go kile ga tla lekoko le lengwe pele ga bone.
Rre Mmile Semele ene o boletse fa ba solofetse fa Kgosi Segale a tsile go ba bolelela gore a o amogela kopo ya bone ya peo ya ngwana wa kgosi ya bone ya pele ka ba sa le ba isitse kgang eo kwa go bone mme nako kgolo ke eno.
Dikgosana dingwe tse di neng di patile Kgosi Segale di ne di supa fa e le nnete makgamu oo mabedi a kile a tla go ikuela kwa kgotleng kgolo ya bone ka kgang eo mme ba ba tlhalosetsa fa ba tshwanetse go ya go nna fatshe go bona gore tsela ba tsaya efe go na le gore ba tle kwa go bone ba se seopo sengwe e le Bakgatla le Batlokwa.
Phuthego eo e ne e setse e tswa mo taolong ka bangwe ba ne ba supa fa ba ka seke ba kopane le lekgamu le lengwe ba tlhalosa fa bone ba batla kgosi e e leng ya bone e bile e le Mokgatla fa bangwe ba supa fa ngwana wa moswi Kgosi Semele e le ene a ka tsayang setilo sa ga rraagwe.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Segale o kopile morafe wa Oodi go sala ba tswa ka leina la yo ba batlang gore a ba etelele pele. O tlhalositse fa therisano e le selo se se botlhokwa fela thata e bile e le yone tsela e morafe o ka bopaganang ka yone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : MOCHUDI
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 06 Nov 2014