Breaking News

Polao ga e fedise mathata

06 Nov 2014

Banna ba kopilwe go lesa go bolaya basadi  fa ba na le mathata kana tlhoka kutlwisisano le bone ka se, e se tharabololo fa e se go tlogelela ba ba setseng kutlobotlhoko le matlhotlhapelo fela. 

Mookamela mapodisi a Tsabong, Superintendent  Howard Modo, o boletse se mo potsolotsong  morago ga gore monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le bone a bolae  mokapelo wa gagwe ka go mo tlhaba ka sengwe se se bogale, o tlhalositse fa mmelaelwa yoo a ne a tlhasela mme yo ka go mo tlhaba ka sengwe se se bogale  mo mmeleng kwa marekisetsong mangwe a bojalwa  kwa Kisa.

 Rre Modo o supile fa ka nako ya tiragalo eo mme yoo a ne a sa ntse a le mo tirong mo madirelong ao. Superintendent Modo o kaile fa mmelaelwa a tlhabile mosadi yoo ka sengwe se se bogale makgetho a le mmalwa mo mmeleng mme morago a mo gogela kwa ntle ga madirelo ao.

Rre Modo o tsweletse a tlhalosa fa e ne ya re morago ga tiragalo eo mme yoo a ne a isiwa kwa sepateleng sa Tsabong kwa ba bongaka ba tlhomamisitseng fa a setse a tlhokafetse.

Superintendent Modo o boletse fa serepa se sa ntse se le kwa setsidifatsing sa sepatela sa Tsabong mme se tlaa romelwa kwa sepateleng sa Marina kwa Gaborone go ya go tlhatlhobiwa ke ba bongaka mo bogautshwaneng.

Mookamela mapodise a Tsabong o tlhomamisitse fa moswi a tlholega kwa kgotleng ya Kagiso kwa Kokotsha mme e ne e le morekisi mo marekisetsong a bojalwa kwa Kisa.

Rre Modo o supile fa modira molato yoo a isitswe fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata mme a tlaa bo a santse a le mo diatleng tsa mapodise fa ditlhotlhomiso tsone di sa ntse di tsweletse.

Superintendent Modo o kaile fa bobedi joo go belaesega fa e ne e le baratani mme go lebega ba ne ba ka tswa ba tlhokile kutlwisisano go le pele ka mmelaelwa go supagetse fa a ne a tla a na le maikaelelo.

Mookamela mapodise a Tsabong o kopile a bo a gakolola borre go amogela, go itshoka le gone go nna le boitshwaro fa lerato le fedile ka e se phelelo ya botshelo. 

O ba kgothaditse go kopa dithuso le dikgakololo mo go ba ba lebaneng ba akaretsa mapodise, dikgosi, ba boipelego, batsadi le ditsala tsa bone ka molemo wa kgang e le go buiwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 06 Nov 2014