Breaking News

Mokgwa wa go dira tiro o wetse tlase

05 Nov 2014

Puso e tshwenngwa thata ke mokgwa o tiro le maduo di welang tlase ka teng ga mmogo le maitsholo a bodiredi a go sa tsenyeng marapo dinameng segolo jang fa go tla mo go iseng ditlamelo kwa setshabeng .

E rile a bua mo thuto puisanong tsa bodiredi jwa temo thuo jwa kgaolo ya Legare kwa Palapye, mongwe wa bagolwane ba lephata leo go tswa Gaborone, Rre Gareutwane Gaopatwe a re ke maikaelelo a lephata la temo thuo go tsosolosa mowa wa tirisano mmogo, neelano le kutlwisisano mo bodireding gore ba kgone go isa lephata kwa mankalenkaleng le gone go tshephega le go tla ka megopolo e mesha e e ka ba tlhobololang le go ba tiisa moko go dira ka natla.

Rre Gaopatwe o tsweletse a re dingwe tse batho ba di lebelelang ke gore ga ba tlhatlhosiwe maemo mo tirong, ba sa lebe gore a mme one maduo a ba a ntshang a ba ba baya mo tshiamelong  ya go tlhatlosiwa maemo.

A re boitshwaro, go dira motho a tsentse marapo dinameng ke tsone di ka supang gore a motho a ka tlhatlosiwa maemo go lebeletswe maduo a a ntshang.

O tsweletse a tlhalosa gore botlhokwa ja go tokafatsa seemo sa tiro le go ntsha maduo, go tokafatsa tikologo ya tiro, go sa adima marapo tshwene le go sa tleng tirong sentle go ka ama maduo.

E ne e rile gole pele mongwe wa bagolwane mo lephateng la temo thuo go tswa  Serowe, Rre Sylvester Moswela a supa fa dithuto tse ele go itsheka tsheka ka fa ba dirang ka teng le go tla ka megopolo ya ka fa ba ka tokafatsang lephata ka teng go ya pele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Thuto puisanyo

Date : 05 Nov 2014