Breaking News

United Supply e abetse sekole

05 Nov 2014

E rile bosheng lebenkele la United Supply kwa Letlhakeng la abela sekole sa bananyana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse thataro sa mokgatlho wa bomme sa Bomme Nkokodi Trust dijo.

Fa a ntsha mpho eo, mothusa mookamela lebenkele leo, Mme Bosale Mabogo o tlhalositse fa ba bone go le maleba go tsenya letsogo mo go thuseng ba ba sa kgoneng.

Mme Mabogo o tlhalositse fa ba dirisitse P4000 go reka dijo di akaretsa gareng ga tse dingwe  raese, bopi jwa mabele, sukiri, mashi, le phaletshe.  O buile gape a kaya fa e se lantlha ba abela ba ba sa kgoneng.

Fa a amogela mpho eo, mokhanselara wa Letlhakeng Bokone, Mme Stella Segwagwa o boletse fa mpho ya United Supply Store e tsile ka nako e e maleba ka gonne sekole seo gantsi se sokola ka dijo. 

O tlhalositse fa sekole seo se simolodisitswe mo legoeleleng ke mokgatlho wa bomme ba ikopantse mme se kgona ka go thusiwa ke ba ba kgathalang ka thuto ya bana.

Mme Segwagwa o tsweletse a tlhalosa fa go abela sekole se se tshwanang le sone sa Bomme Nkokodi e le mowa o montle ka e bile sekole seo se na le bana ba dikhutsana ba ba tlhokang le go tshwarwa ka lerato.

O gwetlhile ba United Supply Store go tswelela ka mowa o montle wa go abela ba bangwe mme a leboga go bo ba kgathala le ka thuto ya bana ba bannye a bo a ba rotloetsa go tswelela le yone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moses Mokoanene

Location : LETLHAKENG

Event : Kabo-dimpho

Date : 05 Nov 2014