Kereke ya Sabata e rera tsholofelo
05 Nov 2014
E rile bosheng dikereke tsa Sabata kwa Mahalapye tsa kopanela kwa kerekeng e tona ya Mahalapye Central go ipela le go amogela maloko a masha.
Fa a amogela batho ba ba neng ba kolobediwa, Moruti Phillimon Aramando, o tlhalositse fa tshwetso e ba e tsereng ya go neela Modimo matshelo a bone e le botlhokwa mme e bile e itumedisitse le ene Modimo ka sebele.
A re mo nakong eno lefatshe le tobekane, maitsholo a banana a makgaphila, go na le malwetse a a sa laolesegeng e bile a sena kalafi, go na le dipolaano tse di setlhogo tsa batho ba ipitsa baratani jalo batho ba latlhegetswe ke tsholofelo.
O gwetlhile barapedi bao go lebelela kwa go Jesu ka e ele ene fela a ka ba nayang tsholofelo e bile a tsisa tharabololo ya mathata a a bosula a a mo lefatsheng.
A re kereke ya Sabata e ikaeletse go rera mafoko a a molemo le go tsibosa motse wa Mahalapye ka bogosi jo bo tlang jwa legodimo le gore ba kgone go bo iketleeletsa.
O tsweletse a tlhalosa fa ba simolotse go abelana mafoko a molemo le ba sepodise le ba poso mo Mahalapye mme ba dira jalo gape mo dikoleng dingwe kwa ba kopanang le baithuti ba ba lebileng go kwala ditlhatlhobo go ba rapelela le go ba ama ka lefoko la Modimo.
Fa a ema maloko a masha ka lefoko morago ga kolobetso, mogolwane mo kerekeng ya Sabata
Rre Joram Ndaba o ba gwetlhile gore e re jaaka ba inotswe mo molelong o o fisang, ba atle phetogo mo matshelong a bone mme ba e tshegetse go fitlha Keresete a ba fitlhela ba ntse ba tshegeditse tumelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mpho Maswikila
Location : MAHALAPYE
Event : Letsatsi la kolobetso
Date : 05 Nov 2014