Breaking News

Kgosi o lela ka go tlhoka mokwaledi

05 Nov 2014

Kgosi Gabriel Ntau wa Maleshe mo kgaolong ya Kgalagadi o boletse fa a sa itumedisiwe ke go tlhoka mapodisi le mokwaledi mo motseng wa gagwe.

Mo puisanong lbosheng, Kgosi Ntau  o tlhalositse fa a sale a kopile mapodisi a a ka direlang mo motseng wa gagwe go simolola ka 2008 mme nako kgolo ke eno  jalo a bolela fa a ketefalelwe ke tiro ka borukutlhi bo le bontsi fela thata mo motseng oo.

Kgosi Ntau o tsweletse a tlhalosa fa a bereka le dikgosana di le pedi tse di ithaopileng ka di sa atswiwe ka sepe mme di mo thusa go rarabolola dikgang tsa bogodu, matlhapa, go letlanya le dikgang tsa majalwa a sa letlelesegeng go dirwa motseng ka e le tsone tse di tshwenyang thata.

O tsweletse a tlhalosa fa bone e le ba bogosi ba na le tirisanommogo e ntle le ba komiti ya ditlhabololo tsa motse gammogo le ya batsadi le barutabana, selo se a reng se tla rotloetsa ditlhabololo mo motseng wa bone.

O galaleditse puso go bo motse wa gagwe o na le kokelwana le baoki ba le babedi ba a re ba ba neela dithuso tse ba di tlhokang nako tsotlhe.

Fa a iteela kobo moroko mafoko a ga kgosi, Kgosana Keakabetse Mokate o kaile fa ba sokola thata  ka nako tsa fa ba rekisa leruo ka ba tshwanelwa ke go latela mapodisi le bakwaledi kwa Tsabong.

Kgosana Mokate o kopile puso go ba thusa ka badiri bao ka batho ba bangwe ba sa kgone go ba latela ka ntlha ya go tlhoka dipalamo.

Le ntswa Kgosi Ntau a lebogela pula e e neleng bosheng kwa motseng oo, o supile fa banni bangwe ba setse ba iphotlhere morago ga gore pula eo e ganyaole dipodi tsa bone di ka nna masome a ferabongwe le bongwe  tse go belaesegang di bolailwe ke pula eo ka lebaka la mopalo le leuba.

A re bangwe ba ne ba thusitswe ke puso ka lenaneo la LIMID fa ba bangwe ba ne ba itheketse dipodi tseo.

Kgosi o kaile fa batho ba feta lesome ba amegile mo tiragalong eo, a kaya fa palo eo e ka nna ya oketsega ka bangwe ba ne ba ise ba ye go bega kwa ofising ya gagwe. 

Kgosi o gakolotse banni go tlhoka go ja nama ya dihutshane tseo ka e sa siamela botsogo jwa bone ka go belaesega fa dingwe gongwe di ne di na le bolwetse.

O kaile fa seo e le poelo morago ka bontsi jwa banni ba motse oo ba sa bereke mme ba itshetsa fela ka leruo le tiro ya nakwana ya Ipelegeng.

Mongwe wa ba ba amegileng Mme Goememang Gaseleme o kaile fa dipodi tsa gagwe di sule di le masome a mararo a kaya fa a wetswe ke seru ka e le tsone tse a itshetsang ka tsone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : MALESHE

Event : Puisanyo

Date : 05 Nov 2014