Setlhopha se gatela pele ka tokafatso maduo
05 Nov 2014
Setlhopha sa tokafatso maduo se se bidiwang Morero go tswa kwa lephateng la ofisi ya ga molaodi kwa Francistown se gatetse pele mo go tokafatseng maduo mo tirong.
Fa a lekodisa bagolwane ba maphata ka go farologana , modulasetilo wa setlhopha sa Morero, Rre James Mothomae o tlhalositse fa setlhopha se bopilwe ka banna le basadi ba motia go tokafatsa tomagano fa gare ga ofisi ya ga molaodi le batsaya karolo mo kgaolong ya bone.
Rre Mothomae a re ba dirile bokopano joo go tla go tsaya bogakolodi le malebela a go fetela kwa legatong la go ya go nkgisana magwafa le bangwe ka bone go tswa mo dikgaolong tse dingwe mo dikgaisanong tse di yang go tshwarelwa kwa Gaborone kgwedi eno ele masome a mabedi le botlhano go ya go masome a mabedi le borataro.
A re morago go tsaya maemo a ntlha kwa Maun, ba bone go tshwanela gore pele ga ba ka fetela kwa legatong la bobedi ba nne le bokopano le bagolwane ba bone go itsheka-tsheka.
Rre Mothomae o tlhalositse gape gore ba ikaelela go nna baeteledipele mo go ntsheng ditlamelo le dithuso tsa tlhwatlhwa mo kgaolong ya Francistown.
E rile a amogela badiri le bagolwane, mothusa mogolwane wa ofisi ya HIV/AIDS, Rre Ketshepile Nthomiwa a tlhalosa fa go le molemo go nna le setlhopha se se motia se se tsamaisang merero ya tokafatsa maduo le go tsibogela dingongorego tsa setshaba mo kgaolong ya Francistown.
Rre Nthomiwa o akgotse setlhopha seo tiro e ntle e ba e dirileng le go ba eleletsa katlego mo dikgaisanong tse di tlang. A re go maleba gore ba fe setlhopha mofago le go ithuta ka se ba sa tswang go se supa gammogo le go rotloetsa maphata ka go farologana go tsaya malebela.
Rre Nthomiwa a re go dira tiro eo mo lebakeng la ngwaga le kgwedi tse supa, ke go supa tlhabologo a tlatsa ka gore go itlhabolola ga se ga sekole fela. O kgothaditse setlhopha go tlogela go inyatsa mme a ba lemotsha fa mongwe le mongwe a nale seabe e bile a le botlhokwa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mpho Goitsemang
Location : FRANCISTOWN
Event : Bokopano
Date : 05 Nov 2014