Dikgosi di abela batlhoka pono
05 Nov 2014
E rile bosheng dikgosi tsa Mochudi tsa abela sekole sa batlhoka-pono sa Mochudi Resource Centre for the Blind P1 900 go se etleetsa go tswelela se thusa bana bao go atlega mo dithutong tsa bone.
Fa a rola mpho eo, Kgosi Charles Phiri o supile fa sekole seo le badiri ba sone ba dira tiro e ntle fela thata ya go godisa le go tlhokomela bana ba batlhoka-pono ba ba tswang mo lefatsheng leno ka bophara.
Kgosi Phiri a re ba tla jaana morago ga gore badiri ba sekole seo ba etele dikgosi tsa motse oo mme ba ba rolela pego ya sekole e e supang fa ba lebaganwe ke dikgwetlho tse ba sa kakeng ba di kgona ba le nosi.
A re seo se ne sa ba emeletsa ka dinao go bona gore ba ka thusa jang gore sekole se tswelele pele bogolo jang ka e bile e le bone batsadi ba motse.
Kgosi Phiri o tlhalositse fa go ne go se motlhofo bogolo jang ka batho ba lela ka madi e bile gape go kile ga nna le kwelo tlase ya itsholelo mme a leboga ba ba kgonneng go tsenya letsogo go ba thusa gore ba bo ba kgona go aba sengwe.
O tsweletse a re ga ba a felela fela mo go se ba se ntshitseng mo nakong eno mme a kaya fa ele tshimologo ya go tswelela ba thusa sekole seo a bo a ba solofetsa fa ba tla tsisa madi a mangwe a a saletseng kwa morago ka gonne e se botlhe ba ba kgonneng go ntsha.
Mogolwane wa sekole seo, Mme Sophie Moalosi a re ba lebaganwe ke kgwetlho e kgolo ya go aga sekole se se feletseng ka ditlamelo le dithuso tsotlhe tse ba di tlhokang gore baithuti ba akole thuto jaaka ngwana mongwe le mongwe.
A re ka jalo ba tshwanetse ba kgobokanya P12 million gore ba kgone go fetsa kago eo e e tla thusang bana mo lefatsheng leno ka bophara. Mme Moalosi a re ba lebogela thata mpho e e tswang mo dikgosing ka jaana go aba go sa lekanyediwe mme fela go tshwanetse ga dirwa ka lorato.
A re go botlhokwa thata gore morafe o thuse le go ema nokeng sekole seo ka jaana ba ka se kgone go dira tiro ya kgodiso le thuto ya bana ba le nosi.
O tlhalositse gore ngwaga le ngwaga ba etela batsaya karolo, maphata le makalana a a ikemetseng ka nosi go rola pego gammogo le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone.
Mme Moalosi a re e tle e re morago ba bone ba bangwe ba tsile mo sekoleng go aba sengwe kana go tsenya letsogo mo go thusang gore sekole se tswelele pele.
O kopile dikompone le setshaba ka kakaretso go thusa go dira madi a kago e ntsha ya sekole seo ka jaana e ba e dirisang mo nakong eno e le kgologolo e bile e se mo seemong se bana ba batlhoka pono ba ka e dirisang.
Mme Moalosi o lebogetse dikompone, maphata le batho ka bongwe ka bongwe go thusa le go tswelela ba thusa gore bana bao ba bone katlego mo matshelong a bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MOCHUDI
Event : Kabo-dimpho
Date : 05 Nov 2014