Kereke e abela batlhoki
04 Nov 2014
E rile bosheng bomme ba kereke ya Wesele ba ba neng ba le mo bokopanong jwa bomme kwa Lobatse ba abela balwetse ba kokelo ya Sbrana dimpho di akaretsa melora e e tlhapang, melora ya legano, ditlolo tsa mmele le metseto.
Fa a amogela dimpho tseo, mooki yo mogolwane kwa kokelong eo, Mme Kgomotso Tidimalo o ne a bolela fa dimpho tseo di supa fa bomme ba tshwara thipa ka fa bogaleng le gone go supa lorato mo bathong ba bangwe.
O tsweletse a re le bone e le baoki ba tlaa tia moko ka ba lemoga gore ba tshwaraganetse balwetse le setshaba ka kakaretso jalo a ba kgothatsa go tswelela ka go diragatsa moono wa tautona wa lefatshe leno wa gore go lemogiwe ba ba tlhokileng lesego.
Fa a tswa la gagwe, mokwaledi wa bomme ba thapelo, Mme Lorato Diphofu a re setlhogo sa bokopano se se reng ‘O fa kae’, se ba gwetlhile gore ba isetse mme mongwe wa mogodi wa Lobatse, yo o nnang fela a rapame mme e bile a nna le morwawe yo le ene e leng motlhoka pono gape a tshela ka bogole merapelo le dijo.
Mme Diphofu a re ba dira se go supa fa mokeresete a tshwanetse go nna le mowa wa lorato le kutlwelo botlhoko. A re kereke e diragatsa lengwe la matshego a setshaba a 2016, e leng la setshaba se se lorato e bile se kgathala ka matshelo a bangwe ka bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE
Event : Kabo dimpho
Date : 04 Nov 2014