Breaking News

Lekgotla le emisa go amogela dikopo

04 Nov 2014

Makgolokgolo a batho ba ba ikopelang ditsha tsa masimo kwa Mokoswane ba pateleditse badiri ba lekgotlana la kabo ditsha la Mahalapye go  emisa go amogela dikopo  go fitlha ngwaga o o tlang.

E rile mo mosong wa Labobedi batho ba ka tshwara makgolo a mane ba tsena ka dikgoka mo lefelong la diofisi tsa lekgotlana la kabo ditsha pele ga metsotso e le masome a mararo go tlogela nako ya bosupa.  

Batho bao ba supile banni ba motse wa Mokoswane ka monwana ka se ba se biditseng go dirisa semorafe fa go abiwa lefatshe la morafe. 

Ba re e re ntswa melawana ya makgotla a kabo ditsha e letlelela Motswana mongwe le mongwe go ikopela setsha gongwe le gongwe kwa a ratang teng, ba gakgamaditswe ke go bona batho ba Mokoswane ba gana go ba abela lefatshe ka seipato sa gore lefatshe leo ke la bana ba bone ntswa ba ntse ba na le ditsha tse dingwe kwa kgotleng ya Xhosa 1.

Rre Titus Tjivesera wa Mokoswane a re e re ntswa ba se kgatlhanong le go abela batho ba ba tswang mo dikgaolong di sele ditsha tsa masimo kwa Mokoswane, ba eletsa lekgotlana la kabo ditsha le ka sekasekela bana ba motse wa Mokoswane pele ga go ka abelwa ba ba tswang kwa metseng e mengwe. 

Rre Tjivasera a re e re ntswa ba robetse mo kgorwaneng ya diofisi tsa lekgotlana la kabo ditsha, o tshwenngwa ke gore batho bangwe ba ne ba ba tsenelela fa go bulwa mo mosong wa Labobedi.

Modulasetilo wa lekgotlana la kabo ditsha, Mme Abelaibe Dikgang a re ka ntlha ya mosuke le dipalo tse dintsi tsa batho ba ba ikopelang ditsha tsa masimo, ba tsere tshwetso ya go emisa go amogela dikopo go fitlhelela ngwaga o o tlang ba sena go kopa dikgakololo mo go ba lekgotla legolo la kabo ditsha la ga Mmangwato kwa Serowe.

Mme Dikgang o rile le fa maikaelelo e ne e le go amogela dikopo gone ka Labobedi, ba dumelane go emisa go amogela dikopo tseo ka jaana batho ba ba di kopang ba tshwara dikete tse pedi fa ditsha tse di tshwanetseng go abiwa tsone di le masome a mane le boraro. 

A re bontsi jwa batho ba ba neng ba ikopela go bewa ke banana ba ba tswang kwa metseng ya Mookane, Pallaroad, Kudumetse, Mahalapye, Shoshong, Taupye, toropo ya Francistown le Gaborone.

Mabapi le dikgang tsa gore go dirisiwa semorafe go aba lefatshe kwa Mokoswane, Mme Dikgang o tlhalositse fa magatwe ao a sena boammaaruri ka jaana mongwe le mongwe yo eleng Motswana a na le tshwanelo ya go bewa gongwe le gongwe kwa a ikopelang setsha teng go sa kgathalesege gore ke wa letso lefe kana kgaolo efe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Kemiso ya dikopo ke ba kabo ditsha

Date : 04 Nov 2014