Breaking News

Baswi ba bolokilwe sesha

04 Nov 2014

E rile bosheng kwa Letlhakeng mo kgaolong ya Kweneng ga bolokwa marapo a baswi ba le lesome le motso mo dikgotlaneng tse nne tsa motse oo.

E rile a amogela baeng, Kgosi Tumelo Puleng a tlhalosa fa a itumelela go bona go diragadiwa tiro ee masisi ee sa tlwaelesegang eo go sutela ditlhabololo. 

Kgosi Puleng o tlhalositse gore fa gone go kgonagala, baswi botlhe ba ba bolokilweng mo malwapeng ba kabo ba hudusediwa kwa mabitleng. O lebogetse gore botlhe ba ba neng ba amiwa ke tiro eo ba ne ba sidilwa maikutlo.

E rile a tswa la gagwe, mothusa mokwaledi wa khansele ya Kweneng go tswa Molepolole, Mme Baipelelang Photlokwe  a tlhalosa gore go sutisa dipone tsa motlakase, diphaephe tsa metsi le go dira tsela gone ga rakana le mathata mo malwapeng ka gone go supiwa fa go na le baswi ba ba bolokilweng mo ditseleng tseo. 

A re palo ya baswi botlhe ba morafe o o neng o tlhalositse fa ba le mo ditseleng tseo ene ele masome a mararo le borobabongwe  mme a bolela gore ka lesego gago a fitlhelwa palo eo go fitlhetswe ba le lesome le motso fela.

Mme Photlokwe o lebogile dikomiti, masika a baswi ba ba epolotsweng, dikgosi le dikgosana tirisano mmogo e e dirileng gore ba bo ba kgonne go fudusa marapo ao a baswi. 

A re fa gone go sena tirisanyo mmogo, tiro ene e ka bo e eme gongwe madi ao a felele a neelwa ba dikgaolo di sele. 

E rile a ntsha mafoko a kgothatso, Kgosi Lawrence Mohaladi yo o neng a emetse kgosikgolo ya Bakwena  Kgosi Kgari Sechele III  a bolela fa ditlhabololo di tla ka dilo tse di maswe le tse dintle jalo a kopa morafe gore o seka wa gakgamalela se se diragetseng. 

O tlhalositse gore tiragalo ya mofuta o wa go fudusa baswi ga se ya ntlha mo Botswana ka e rile bosheng fa go agiwa letamo la Dikgatlhong gone ga fudusiwa marapo a baswi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tlholego Nthaga

Location : LETLHAKENG

Event : Poloko seshwa ya baswi

Date : 04 Nov 2014