Breaking News

Ba le bararo ba ikgapetse matshelo

04 Nov 2014

Mapodisi a Letlhakane mo kgaolong potlana ya Boteti a tlhotlhomisa ditiragalo tse mo go tsone batho ba le bararo ba ikgapetseng matshelo. 

Ramapodisi a Letlhakane, Superintendent Robert Mack a re ba ne ba begelwa tiragalo e mo go yone monna wa dingwaga tse di masome mabedi le bone wa Mopipi mo kgotleng ya Sekeletu a fitlhetsweng a akgega mo marulelong a ntlo e a neng a e hirisitse kwa Letlhakane ka nako ya boraro motshegare. 

Rre Mack a re ba ne ba ragosetsa monna yoo kwa kokelong go tlhatlhojwa ke ba bongaka mme ba rurifatsa fa a tlhokafetse.

Superintendent Mack o tsweletse a tlhalosa fa mme wa dingwaga tse di masome a matlhano le botlhano yo o tlholegang kwa Mokubilo mo kgotleng ya Tidimalo le ene a ikgapetse botshelo ka go ikaletsa kwa  Letlhakane mo kgotleng ya Sekwe. 

Superintendent Mack a re ba ne ba ragosetsa mme yoo kwa kokelong mme ba bongaka ba rurifatsa fa a tlhokafetse mme a re serepa sa gagwe se santse se letetswe go tlhatlhobiwa ke dingaka kwa kokelong ya Nyangabgwe.

Superintendent Mack o boletse  gape fa monna wa dingwaga tse di masome a mabedi le bongwe wa Mosu le ene a ikgapetse botshelo ka go ikaleletsa kwa masimong a Nthane. Rre Mack a re ba tshwenyegile thata ka batho ba ba ikgapelang botshelo. 

O gakolotse batho go kopa thuso mo mapodising, dikgosi, batsadi le mo go bommaboipelego nako le nako fa ba na le mathata go tila go ikgapela matshelo ka botshelo bo le botlhokwa fela thata.

Mo go tse dingwe, mapodisi a tshegeditse banna ba le bararo ba ba tshwerweng ka motokwane wa bokete jwa 20kg. Superintendent Mack o tlhalositse fa ba tshwere borre bao fa ba sena go phuruphutsa koloi e ba neng ba e pagame kwa kgorong ya Makoba. 

Rre Mack o boletse fa go supa gore bontsi jwa motokwane bo tswa mo metseng ya Serowe le Palapye mme a kopa setshaba go ba loma tsebe ka ope fela yo a ka tswang a itse sepe ka batho ba ba o rekisang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Oarabile Mawele

Location : LETLHAKANE

Event : Ditlhotlhomiso tsa sepodise

Date : 04 Nov 2014