Breaking News

Mapodisi a ipelela katlego

04 Nov 2014

E rile bosheng mapodisi kwa Selebi Phikwe a bo a ipelela katlego ya go dira ka natla. 

Fa a amogela baeng mo moletlong oo, Superintendent Victor Nlebesi o tlhalositse gore go simolola ka 2011 ba ntse ba amogela ditlankana di le mmalwa tse di supang fa ba dira ka natla mo tirong ya bone ya sepodisi mo kgaolong ya Legare.

O kgothaditse ba sepodise gore ba seka ba nyatsa se ba se dirang le fa se ka tswa se le sennye ebile gape ba tshwanetse go bereka ba na le tebelopele gore ba kgone go ntsha maduo mo tirong.

E rile a ema badiri ba sepodise ka lefoko, Mme Mmereki Pule yo e leng molomaganya lekalana la tokafatso maduo go tswa kwa ofising ya ga molaodi mo Selebi Phikwe, a tlhalosa fa a le  motlotlo thata go bona a boetse gape go tla go ipela le ba sepodise sa Selebi Phikwe mo katlegong e ba e fitlheletseng ka e rile ngwaga e e fetileng ba bo ba kokoane gape go ipelela katlego ya bone.

A re Superintendent Nlebesi o tshwanetse go rolelwa hutshe ka jaana e le ene a rweleng boikarabelo ja go bona gore mananeo a diragadiwa ka fa go tshwanetseng. 

O tlhalositse gore go ipelela katlego ga se go emisa go dira ka natla mme go raya gore ba tshwanetse go dira go feta fa ba dirileng teng.

Mme Mmereki o tlhalositse gore tiro ya sepodise e lebanwe ke dikgwetlho tse dintsi ka ba kopana le batho ba maikutlo a a farologaneng mme a ba kgothatsa go nna pelotelele le lorato ka tse tsotlhe di ka dira tiro ya bone bonolo. 

O tlhalositse gore go supagetse fa sepodise sa Selebi Phikwe se dira ka bokgabane mo nngweng ya ditsetlana tse di lesome tse di neng di supa fa badirelapuso ba sa fe setshaba ditirelo ka fa go tshwanetseng mme mo go ba sepodise sa Selebi Phikwe go sa nna jalo. 

Mme Mmereki a re sepodise ke sone se rweleng boikarabelo jwa go bona gore tebelopele ya setshaba se se babalesegileng go ya 2016 e a diragala. Mo mafokong a gagwe a tebogo, Kgosi Mareko Thipe a re go ipelela katlego ke matlhagola tsela go ya katlegong le go diragatsa ditoro tsa lephata. Kgosi a re ke maikaelelo a Botswana  go fokotsa borukutlhi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Moletlo wa go ipela

Date : 04 Nov 2014