Tlhakanelo dikobo ka dikgoka ke molato
04 Nov 2014
Mookamela mapodisi a Middlepits mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa, Superintendant Moses Chibamo o kgadile banna bangwe ba ba tlhakanelang dikobo le bomme kwa ntle ga ditumalano le bone, a supa fa go dira jalo e le molato o motho a ka tseelwang dikgato tse di gagametseng ka one.
Mo potsolotsong bosheng, Superintendant Chibamo o boletse fa e rile Phalane a le masome a mabedi le borataro ka nako ya boraro maphakela, mongongoregi mongwe a kopa boroko kwa lwapeng la mmelaelwa kwa Middlepits morago ga go tswalwa ga marekisetso a bojalwa.
Mookamela mapodisi o supile fa go belaesega fa bobedi joo bo ne bo itisitse mmogo kwa maitisong mangwe kwa Middlepits pele ga tiragalo eo mme ka mongongoregi a ne a lapile thata go ya Bogogobo a kopa boroko kwa lapeng la mmelaelwa.
Superintendent Chibamo o kaile fa mmelaelwa e le rre wa kgotla ya Taukobong kwa Kanye mme a tlaa isiwa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata go lebisiwa molato wa petelelo.
O kaile fa dikatlholo tsa petelelo di farologanngwa fela ke gore a mmelaelwa o fitlhelwa a na le mogare wa HIV/AIDS fa a tlhatlhobiwa ke ba bongaka, a kaya fa a ka tsena kgolegelo ya dingwaga tse di sa feteng lesome le botlhano fa a ka fitlhelwa a na le mogare, mme fa a sena one a ka kiba kgolegelo ya dingwaga tse di seng kwa tlase ga lesome.
Superintendent Chibamo o kopile borre go tlogela mokgwa wa go itseela dikobo ka dikgoka mo go bomme a kaya fa go dira jalo go ka baka gore motho a latlhegelwe ke tiro fa e le gore o a bereka e bile gape a re ke go tlhoka go itlotla le gone go itiga seriti. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 04 Nov 2014