Breaking News

Ba le bane ba tlhokafetse

04 Nov 2014

Batho ba le bane ba tlhokafaletse gone foo morago ga gore koloi e ba neng ba tsamaya ka yone ya Mazda 323 e e neng e tswa borwa e ya bokone e thulane le ya Nissan Tida e e neng e tswa bokone e ya borwa ka Labotlhano, dikhilomithara di ka nna lesome go tswa mo tseleng ya A1 mo Palapye. 

Bapalami ba koloi ya Tida ba le babedi, mokgweetsi le mopalami wa mme ba ne ba ragosediwa kwa kokelong ya Palapye, mme mokgweetsi a fetisediwa kwa Nyangabgwe ka dikgobalo tse di masisi.

Go ya ka Assistant Superintendent Motlhokomedi Ponyane, kotsi e e diragatse mo maitseboeng fa dikoloi tse di thulana mme o boletse fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse go bona se se ka tswang se bakile kotsi eo. Maina a baswi a santse a tshegeditswe go itsise ba masika. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Kotsi ya koloi

Date : 04 Nov 2014