Batswana ba kgothadiwa go ithekela dikoloi ka tlhamalalo
04 Nov 2014
Batswana ba kgothaditswe go ithekela dikoloi ka sebele go na le go neeletsa batho ba bangwe.
Mo potsolotsong bosheng, mogolwane wa mapodisi a central kwa toropong ya Francistown, Superintendant Lebalang Maniki a re ba tlhotlhomisa kgang e mo go yone mosadi mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le bone a sa leng a rekile koloi kwa United Kingdom mme le mo nakong eno a santse a lebile tsela. A re mme yoo o ne a bona bangwe mme ba mo tlhomamisetsa fa ba reka dikoloi tsa bone kwa United Kingdom.
Superintendant Maniki a re mme yoo o ne a tsenya P70 000 mo bankeng ya United Kingdom, ka Phatwe go reka koloi mme nako kgolo ke eno. O tlhalositse fa mme yoo a kgona go bua le bone ka maranyane a facebook le internet mme ba nna ba mo solofetsa gore e mo tseleng morago ga nako ba fetola kgang ba bua di sele.
Superintendent Maniki a re dikgang tsa go nna jalo go thata go ka golagana le mapodise a Interpol go ba thusa go tshwara dirukutlhi tsa go nna jalo ka ba sa itse gore batho ba teng ke bomang. O tsweletse a re dikgang tse di ba tshwenya thata ka e se lantlha go diragala jaana, a supa fa go setse go tsamaile madi a a ka tshwarang P100 000.
O rotloeditse Batswana go ithekela dikoloi tse ba di bonang ka matlho le mo bathong ba ba nang le diteseletso tsa go rekisa dikoloi.
Superintendent Maniki a re sepodise sa Botswana se ruta letsatsi le letsatsi gore batho ba seka ba thanya lomapo lo le tsebeng mme batho ba ipeile tsebe se utlwe. A re dikgang tse dingwe tse di ba tshwenyang ke tsa batho ba ba hirisang diteseletso tsa go rwala setshaba le mororo di sa dirwa sentle.
Superintendent Maniki a re kwa bofelong batho ba ba rekisetsa dikoloi tsa ba bangwe ka maina a diteseletso tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mpho Goitsemang
Location : FRANCISTOWN
Event : Potsolotso
Date : 04 Nov 2014