Mo-na-le bogole o itshetsa ka lenaneo
03 Nov 2014
Puso e tsweletse ka go dira maiteko a gore ba-na-le bogole ba se salele kwa morago go ka itirela sengwe sa itshetso gore le bone ba kgone go oba letsogo ntle le go ikaega thata ka batho ba bangwe.
Mo-na-le bogole wa monana, Rre Kgomotso Sewagodimo wa Francistown o boletse fa le ene a sa salela kwa morago ka a ne a ikopanya le ofisi ya boipelego go ikopela lenaneo la go dira kgwebo ya go adimisa tante, ditilo le ditafole.
Rre Sewagodimo a re o simolotse kgwebo eo ngwaga o o fetileng ka Lwetse, mme e sale nako eo, o bona pharologanyo ka botshelo jwa gagwe ka gonne o bona dipoelo tse di nametsang fela thata.A re se se kgatlhisang ka kgwebo e ke gore e a itsamaisa, ene o emela fela mogala go lela go utlwa gore dithoto tsa gagwe di tlhokega kae.
O boletse fa ba ba di adimang ba tla go di itseela ka jalo go mo tlhofofaletsa tiro ka ga a tshwenyege ka koloi ya go di rwala. Rre Sewagodimo a re fa kgwedi e fedile gone go nna pharakano kwa ga gagwe ka mongwe le mongwe a le mo patlong ya dithoto tse.
O tlhalositse gore go le gantsi, di adimiwa ke batho ba na le mediro e akaretsa manyalo, meletelo ya dikereke le dintsho.
A re o ikiteile sehuba gore ga go sepe se se tlaa mo kgobang marapo mo kgwebong ya gagwe ka o amogetse seemo sa gagwe sa gore o pharologanyo le batho ba bangwe.
O boletse fa gape a dirile seo go nna segakolodi se se mo tiisang moko go dira ka thata gore le ene a supe bokgoni jwa gagwe.
Rre Sewagodimo a re sengwe gape se se mo tiisang moko ke dikgakololo tse a di fiwang ke ba ofisi ya boipelego.
A re ba mo etela gangwe le gape go lekola gore kgwebo le gone go mo fa maele a go e atolosa. Sengwe se se kgatlhisang ka ene, ke go bona a sa ikaega fela ka kgwebo e mme gape a e patile ka tse dingwe.
Rre Sewagodimo a re le fa a amogela thuso go tswa mo go ba lelwapa la gagwe, le ene o bone go mo tlama go ikemela go supa bokgoni jwa gagwe gore a dire dikeletso tsa gagwe tse di tlaa mo sologelang mosola mo isagong.
O gakolotse ba-na-le bogole ba bangwe go itsheka tsheka mme a ba rotloetsa gore ba seka ba nna ka mowa wa boitlhobogo gonne a re go nna mo-na-le bogole ga se phelelo ya botshelo.
A re ba tshwanetse go itse fa ba na le bokgoni jwa go ka dira ditiro tse di ka tlhabololang matshelo a bone e bile tsa sologela Batswana ba bangwe molemo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : FRANCISTOWN
Event : Potsolotso
Date : 03 Nov 2014