Breaking News

Baithuti ba ithuta ngwao

03 Nov 2014

Barutabana ba sekole se se botlana sa Khurumela le batsadi ba bana ba ba tsenang sekole koo ba akgoletswe go ruta bana ka ngwao ya Setswana bogolo jang mo go tsa lenyalo.

Fa a bua mo moletlong wa lenyalo o ba neng ba o dirile go kokoanya madi a go agela bana ba ba tsileng go letela go simolola lekwalo la ntlha ntlwana ya borutelo le motlobo wa dibuka, Moemela kgosi ya Palapye, Rre Klaas Motshidisi, o boletse fa ngwao ya Setswana e se go bina dipina tsa Setswana go aperwe matlalo fela ka go dirwa le ke merafe yotlhe le batho basweu tota.

A re ngwao ke tsamaiso e bogolo jang e dirwang thata mo manyalong le mo dithulaganyong tse dingwe tsa tsamaiso ya setso go itebagantswe le ditiro tsa setshaba ka go farologana ga merafe mo lefatsheng ka bophara.

Rre Motshidisi a re ngwao e simolola ka lenyalo ka e le lone le Modimo a le tlhodileng go atisa batho mo lefatsheng. Lenyalo le le neng le ketekiwa leo, e ne e le la morutabana wa sekole seo a nyalwa ke wa sekole se segolwane sa Lotsane ka tshwaragano le tirisano mmogo ya bodiredi ja dikole tsoo pedi.

A re se sengwe se se botlhokwa ke go ruta bana ka didirisiwa tsa ngwao jaaka sekei, segaba, ntxai, seroto le tse dingwe tse ba tshwanetseng go itse gore di dirisiwa thata mo setsong sa Batswana le fa di sa bidiwe ka maina a a tshwanang ka merafe ka go farologana e bitsa ka fa e tlwaetseng ka teng.

Morutabana wa sekole sa Khurumela, Rre Michael Mosipidi a re ba tlaa oketsa  magadi a a ntshitsweng   go aga ntlo ya bananyana gammogo le  motlobo wa dibuka. 

Rre Michel Mosipidi a re maikaelelo a go dira tiro e ke go rutana ka ngwao le go ruta bana mme ba patagantse le go dira madi a ba ka kgonang go tsweledisa dikago tse ba di tlhokang mo sekoleng sa bone mme ba dira jalo ba itshwaragantse le batsadi ba motse oo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Selinah Samson

Location : PALAPYE

Event : Moletlo wa go kokoanya madi

Date : 03 Nov 2014