Ba ga Mmanaana ba iphutha metlhala
03 Nov 2014
Morafe wa Bakgatla ba ga Mmanaana o rotloeditswe go iphutha metlhala go nna seopo sengwe.
E rile a bua kwa Khuis mo moletlong o o neng o tshwerwe ke Bakgatla ba ga Mmanaana ba ba nnang kwa motseng oo ba kopane le bangwe-ka-bone go tswa mono gae, Aferika Borwa le Namibia ka maikaelelo a go rutana ka setso le gore ba gorogile jang mo lefelong leo, kgosi ya Moshupa, Rre Oscar Mosielele, a gwetlha ba ga-Mmanaana bogolo jang magosi go netefatsa gore ba lomaganye morafe ka gonne go dira jalo go ka tlhokomela le go dibela ngwao ya bone.
O supile gore fa ba ka seke ba dire jalo ba ka latlhega jalo a ba kgothatsa go dirisa letsatsi leo go itharabologelwa. A re ba tshwanetse go itse gore e re le ntswa ba kgaoganngwa ke melelwane, ke batho ba le bangwe fela.
O boletse gore go botlhokwa gore ba ga Mmanaana ba nne le dikoporase tse ka tsone ba ka bopanyang morafe wa Sekgatla. E ne e rile go le pele, moemedi go tswa Aferika Borwa, Rre Boitshwarelo Makabanyane a tlhalosa fa moono wa letsatsi leo e le go fa ba ga Mmanaana sebaka sa go itse ditso tsa bone.
Rre Makabanyane o supile fa go tswa goo lowe botshelo jwa Mokgatla bo itshegeditse ka thuto le loruo mme a re batsadi ba tshwanetse go rotloetsa bana go itse dipilara tse go somarela ngwao ya bone. A re se, se botlhokwa ka gore go ka nna motlhofo go itshireletsa le go sireletsa dithoto tsa bone.
Mongwe wa mabutswa pele a ditso tsa Bakgatla e bile e le mokwadi wa dibuka ka ditso tsa morafe oo, Rre Joseph Kalane go tswa kwa Moshupa o tlhaloseditse bokopano joo gore go na le metse e le metlhano ya Bakgatla mo borwa jwa Aferika mme a ba tlhalosetsaa fa ditso di supa gore ba ga Mosetlha ba ba kwa Mmamelodi ke bone ba ba tona mme ba latelwe ke ba ga Mmanaana-Kgatle, ba ga Kgafela, ba ga Kau le ba ga Mocha-Sekukuni ba ba nnang kwa lefatsheng la Namibia.
O tsweletse a tlhalosa ka se tota se gwetlhileng gore ba kgaogane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : TSABONG
Event : Phuthego ya Bakgatla ba ga Mmanaana
Date : 03 Nov 2014