Breaking News

Banni ba tshologela lenaneo la SHHA

03 Nov 2014

Mogolwane mo lenaneong la go thusa batho go ikagela matlo a bonno la Self Help Housing Agency (SHHA) kwa kgaolong ya Okavango, Rre Bagai Lecha o supile fa banni ba atlile lenaneo leo fela thata. 

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Lecha o boletse  fa mo nakong eno ba amogetse dikopo di le dintsi mme ba setse ba beile monwana dikopo  di le  lesome le bosupa.  A re lenaneo le, le kgonne go oka banni ba le bantsi ba ba supang thata fa ba tlhaloganya se puso e lekang go se dira. 

Rre Bagai a re ka kgaolo ya Okavango e le sephara e bile e amilwe thata ke lehuma, banni bangwe ba supile fa ba sena madi a go ya diofising tsa bone kwa Gumare ka jalo ofisi ya bone  e ile ya tsaya tshwetso ya go ba latela kwa metsaneng ya bone go ba kwadisetsa lenaneo leo.

O tsweletse a supa fa lenaneo la pele la SHHA le ne le kgona go thapa banni ba motse mme a re ba maswabi ka gore mo nakong eno ga  ba na taolo ya gore rakonteraka o thapa mang go ka aga matlo ao. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mercy Sauzoo

Location : GUMARE

Event : Potsolotso

Date : 03 Nov 2014