Breaking News

Banana itshetsa ka go thula tshipi

03 Nov 2014

Banana bangwe ba letso la Sezezuru ba boletse fa go ithuta tiro ya diatla ele selo se siameng ka gonne ba kgona go rekisa dithoto tse ba di dirang mme morago ba ituelela kwa sekoleng  le gone go tlamela malwapa a bone ka dipoelo tse ba di bonang mo thekisong eo.

Fa ba bua mo potsolotsong bosheng, Rre Gift Richard, Patric Mogale le Dipono Pesela ba boletse fa ba tlholega kwa Francistown mme e bile ba feditse lekwalo la bosupa jalo ba ile Maun go rekisa dithoto tsa bone ba sena go tswala sekole.

Ba boletse fa ba itshetsa ka go rekisa ditshwantsho le mekgabisa ya mo ntlong e akaretsa dikoloi tsa banana, dithunya, mabolokelo a madi le diphologolo tse ba di dirang ka dibagabiki tsa dino tsididi tse ba di selang mo mekgwatheng. 

 Rre Richard a re ba rutilwe go dira dithoto tseo ke mogoloa bone yo o direlang kwa Maun. Rre Patrick ene o boletse fa ba dira tiro ya bone fa ba tswa sekoleng mme e bile ba setse ba feditse tiro ya bone ya sekole. 

Makawana ao a boletse fa tiro ya bone e le botlhokwa fela thata mo matshelong a bone ka jaana batsadi ba bone ba sa bereke jalo ba kgona go reka dijo kwa malwapeng a bone le go ituelela madi a sekole.  

Ba re ba setse ba kgonne go baakanya madi a go reka paka ya sekole ka jaana ba tshwanetse go simolola kwa dikoleng tse dikgolwane ngwaga o o tlang. Rre Pesela ene o boletse fa ba rekisa ditshwantsho tsa bone kwa maemelong a difofane kwa Maun e bile ba seke ba dira madi a a kwa tlase ga P600 ka letsatsi. 

A re dithoto tsa bone di  simolola ka P40 mme o boletse fa bosheng ba rekisitse tlou ka P3500 mo bajanaleng ba ba tswang Germany. Fa a ba kgwa kgaba, mogolwane wa motse Mme Kempho Magunga o boletse fa bana ba, ba le botlhale fela thata. 

 O galaleditse morafe wa Bazezuru ka ngwao ya bone ya go itshetsa ka diatla le go ruta bana tiro ya diatla, a tlatsa ka gore tiro ya bana ba e phepafatsa tikologo ka ba dirisa matlakala. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Atomic Thaba

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 03 Nov 2014