Breaking News

Sexaxa o amogela badiragatsi

03 Nov 2014

Banni ba Sexaxa mo kgaolong ya Bokone Bophirima ba itumeletse go amogela badiragatsi ba ba farologaneng go tswa mafatsheng a sele ba ba tsileng kwa kgaolong ya Nhabe mo thulaganyong e e tsweletseng ya botaki le bodiragatsi.

Mo potsolotsong bosheng, kgosi  wa motse oo, Rre Thaloganyo Lekang  a re ba itumetse fela thata ka badiragatsi ba ba tsileng mo motseng wa bone ka  ba kgonne go reka dithoto tsa bone tsa Setswana tse ba di rokang mo motseng wa bone wa ngwao

Kgosi Lekang a re ba kgonne go nna le sebaka sa go ithekisa mo bathong ba ba tswang kwa mafatsheng a Canada, America le Nigeria ka tse ba di dirang mme a tswelela ka go supa fa ngwao ya bone ya Seyei le yone e ratiwa ke batho ba mafatshe a a kgakala.

O tlhalositse fa ba tlhoka mmaraka o ba ka rekisang dilwana tsa bone tsa ngwao teng, ka jalo go tla ga tiragalo eo mo kgaolong ya bone go ba thusa go nna le sebaka sa go rekisa gore ba bone se ba ka itshetsang ka sone

Mo go tsa ngwao, Kgosi Lekang o tlhalositse fa ba agile motse wa ngwao go leka go tsosolosa ngwao ya Bayei le teme ya bone e a tlhalosang fa bana ba bone ba sena kitso ya tsone.  A re ba agile motse wa ngwao ka dilo tsa setso di akaretsa letlhaka, mokola, mapako a mophane, bojang le mmu wa seolo. 

Kgosi Lekang o kaile fa ba dirisa motse oo go apaya dijo tsa Setswana jaaka seswaa, dinawa, manoko le mmidi. O kaile fa badiragatsi ba ba neng ba etetse motse wa bone ba nnile le sebaka sa go ithuta mmino wa bone wa Seyei o o bidiwang Shimbiro, o a tlhalositseng fa o ne o opelelwa bana ba basetsanyana ba ba golang.

Mme Juliet Kego Ume-Onyido, mongwe wa badiragatsi mo go tsa poko a tswa lefatsheng la Canada a re o ithutile gore ngwao ya Setswana e a farologana e bile e   supa bodiragatsi jo bo ka ratiwang ke batho ba le bantsi mo lefatsheng ka bophara.

Fa a ntsha la gagwe, Rre Thato Molosi, yo e leng moeteledipele wa ditiragalo wa Poetavango Spoken Word Poetry, o supile fa maikaelelo magolo a bokopano joo e le go leka go kabakanya bojanala le bodiragatsi e le tsela ya go bo rekisa kwa mafatsheng a sele.

 Rre Molosi o supile fa gape ba leka go bulela badiragatsi mmaraka wa thekiso mo mafatsheng a ba bapileng le one gammogo le a a kgakala. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keswetseng Samokunda

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 03 Nov 2014