Breaking News

Monna o sekela go dira matshosetsi

02 Nov 2014

E rile bosheng kwa kgotleng ya Tonota, Gaokgakala Sekwati wa dingwaga tse di masome mabedi le boraro a lebisiwa molato wa go tlhoka go itshwara sentle mo setshabeng.

E rile a rola tsheko, Kgosi Ramosenyi Radipitse a tlhalosetsa lekgotla fa e rile Phalane a tlhola malatsi a le masome a mabedi le bongwe, Rre Sekwati yo o neng a le kwa morakeng wa Seswe a leletsa Mme Onkemetse Thomas wa dingwaga tse di masome a mabedi le bongwe gore o tsile go mmolaya. Kgosi Radipitse a re tiragalo eo e diragetse morago ga gore bobedi joo bo tlhoke kutlwisisano.

Mosekisiwa o ipone molato fa pele ga lekgotla mme ya re go lebilwe go atlholwa, moikuedi Mme Thomas a kopa gore kgang e tshololwe ka e setse e builwe ke botsadi.

Mo tshekong e nngwe, Rre Tiragalo Seema wa dingwaga tse di masome a mabedi le boferabobedi o ne a lebisiwa molato wa kiteo e potlana. Kgosi Radipitse o tlhalositse fa e rile ka Phalane a tlhola malatsi a le lesome le bosupa, Rre Seema a keteka Mme Keotshepile More ka mabole morago ga go tlhoka kutlwisisano.

E rile a ikuela fa pele ga lekgotla, Rre Seema a tlhalosa fa a na le bana ba le babedi ba a ba tlhokometseng. Kgosi Radipitse o ne a mo atlhola dithupa tse tharo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Terry Makgoeng

Location : TONOTA

Event : Tsheko

Date : 02 Nov 2014