Breaking News

Monana o itumelela thuso

02 Nov 2014

Monana kwa Ghanzi, Mme Mphonyaone Kebadile,  a re o thusitswe ke Local Enterprise Authority go itshimololela kgwebo ya go lema ka 2011.

Mo potsolotsong bosheng, Mme Kebadilewa wa dingwaga tse di masome a mabedi le bone o supile fa a simolotse kgwebo e a sena go lemoga gore ga a kgone go bona tiro e e ka mo tshetsang ka jalo a bona go tshwanela gore a ikopanye le ba lephata la banana go kopa thuso ya madi ka o ne a lemoga fa a na le kitso le keletso mo temong.

Mme Kebadile a re o ne a adimiwa dikete di le lekgolo le masome a matlhano go simolola kgwebo mme mmaagwe a mo neela ekere gore a simolole kgwebo.

A re o thusegile ka o dirisa metsi a sediba se se mo tshimong ya bone, selo se a supileng se tokafaditse kgwebo ya gagwe fela thata e bile se mo tiisetse moko le go feta ka o kgonne go reka mathombo a a nosetsang le tanka e a bolokelang dijalo tsa gagwe metsi a a lekaneng tsatsi le letsatsi.

Molemi yoo wa monana o tlhalositse fa a dirisa motshine wa peterole go goga metsi a a nosetsang, selo se a supileng se sa mo turele thata. Mme Kebadile o supile fa a kgonne go ithekela diaparo tsa itshireletso mo tirong gammogo le melemo le menontshane e e lekaneng temo ya gagwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GHANZI

Event : Potsolotso

Date : 02 Nov 2014