Sesole se aba dimpho
02 Nov 2014
Lekalana la botsogo la sesole sa Botswana kwa Francistown le abetse banni bangwe ba Mowana mo kgalong ya Bokone Botlhaba dimpho tse di akaretsang diaparo le didirisiwa tse di tlhapang.
Banni bao, ba le masome a mane le bosupa, ba ba neng ba akaretsa bana le bagolo ba ne ba rolelwa dimpho tseo, tse di lopileng P7 690 mo moletlong o mokhutshwane o o neng o tshwaretswe kwa kgotleng ya Mowana bosheng.
Fa a bua kwa tholong ya dimpho tseo, Colonel Benjamin Masunga a re maikaelelo a ba sesole sa Botswana ga se go sireletsa setshaba ka ditlhobolo fela, mme ba se sireletsa gape ka go leka go dira pharologanyo mo matshelong a batho ka gone go nna le letsogo le le abang.
Colonel Masunga a re go bo ba botsogo ba sesole sa Botswana ba bone go tshwanela gore ba abele bao ba ba tlhokileng lesego, seo ke maikaelelo a go leka go tshegetsa moono wa tebelopele ya lefatshe leno wa 2016, ka jalo a kopa ba ba neng ba abelwa dimpho tseo go di amogela ka lorato.
Fa a ama dintlha dingwe tse di amanang le tsa botsogo, mogolwane yoo wa sesole sa Botswana o ne a gwetlha batho go leka ka bojotlhe go itshireletsa mo malwetsing ka go farologana le gone go itlhatlhobela malwetsi gore ba kgone go itse ka fa ba ka itshwarang ka teng fa ba lebeletse maduo.
Mo go tse dingwe, Colonel Masunga, o ne a gatelela botlhokwa jwa gore Batswana ba tshwanetse ba tshwaraganela go lwantsha borukutlhi jwa go utswiwa ga diphologolo le lone leruo tota, a re go sa nneng jalo seo se ka diga itsholelo ya lefatshe leno.
Gontse go le foo, e re ka jaana puso e ne ya ikuela mo bathong go inaakanya le thulaganyo ya ‘Adopt a School’, badiri bangwe ba le bararo ba sesole sa Botswana, ebong Major Beach Ndubo, Major Modiegi Leepile le Lieutenant Boitumelo Lehutso, ba ne ba ithaopela go thusa baithuti bangwe ba le bararo ba sekolo se se botlana sa Mowana.
Mongwe le mongwe wa bone o ne a itlama go lebagana le moithuti a le mongwe mo baithuting ba bararo bao, mme a mo thusa ka sepe fela se a tlaa bong a se tlhoka mabapi le thuto ya gagwe, go balelwa le yone paka ya sekolo tota, e le tsela nngwe ya go leka go thusa baithuti bao gore ba fitlhelele kwa ditorong le maikemisetso a bone a go nna le bokamoso jo bo lolameng.
Mo mafokong a gagwe a malebo, Kgosi ya motse wa Tshesebe, kgosi Motlotlegi Kachana o ne a lebogela ba sesole sa Botswana dimpho tseo, a re ba dirile maiteko a magolo thata a go dira sengwe mo matshelong a batho mo gae.
Banni bao, ba le masome a mane le bosupa, ba ba neng ba akaretsa bana le bagolo ba ne ba rolelwa dimpho tseo, tse di lopileng madi a a ka tshwarang P7 690 mo moletlong o mokhutshwane o o neng o tshwaretswe kwa kgotleng ya Mowana kgwedi eno e le masome a mararo le motso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Kabo dimpho
Date : 02 Nov 2014