Maphorisa ke mookamela lephata la khiro ya badirela puso
30 Oct 2014
Morago ga go tlhomiwa ga ga Rre Carter Morupisi go nna mokwaledi wa ga tautona, Mme Ruth Maphorisa o tlhatlhositswe maemo go nna mookamela khiro ya badirela puso.
Mme Maphorisa o tlogela lephata la banana, metshameko le ngwao kwa e neng ele mokwaledi teng mme phatlha eo e tserwe ke Rre Louis Malikongwa yo e neng ele mothusa mookamela ofisi ya ditogamaano.
Rre Malikongwa o ne a tsholediwa maemo go nna mogokaganyi wa ofisi e e itebagantseng le go diragatsa mananeo a puso. BOPA
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : GABORONE
Event : Kitsiso
Date : 30 Oct 2014
Related News
05 May 2026
Tshwaragano ya ba-na-le seabe konokono
05 May 2026
Ba ga Mmangwato ba ipelela letsatsi la Ngwao
29 Apr 2026
Kgari III o kopa Bakwena go aga leobo
29 Apr 2026
PUSO E TSWELETSE KA GO FOKOTSA DITSHENYEGELO
28 Apr 2026




