Palapye o ipaakanyetsa seemo
30 Oct 2014
Ba komiti ya botsogo kwa motseng wa Palapye ba tlhophile kokelwana ya Khurumela le Martins Drift go nna mafelo a a tla bayang balwetse ba Ebola teng.
Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Khurumela bosheng, mogolwane wa kokelo ya Palapye Mme Susan Pono o boleletse banni gore kokelwana ya bone e tla tswalwa mo bogaufing mme go tla dirwa dithulaganyo gore ba kgone go bona ditlamelo tsa botsogo mo dikokelwaneng tse dingwe mo Palapye.
O tsweletse a re kokelwana eo e tlhophilwe ka go lemogilwe gore e dirisiwa ke batho ba ba palo potlana fa e tshwantshanngwa le dikokelwana tse dingwe mo motseng. O tlhalositse fa bolwetse jwa Ebola bo le borai ka jalo bo tlhokana le mafelo a a kgethilweng go baya balwetse teng go itsa go bo anamisa.
A re Botswana fela jaaka mafatshe a mangwe e malala a laotswe mme e bile e ipaakanyeditse go sireletsa setshaba mo bolwetseng jo.
A re dikai tsa bolwetse jo di akaretsa letshoroma, tlhogo e e opang, ditlhabi tsa ditokololo, letshololo le letlhatso. Banni ba kopilwe gape go fokotsa go etela mafatshe a a amilweng ke bolwetse jo.
E rile a akgela, moitseanape wa tsa botsogo jwa setshaba Dr Gobusaone Morupisi a rotloetsa banni go leletsa nomore ya mahala ya 997 kgotsa 998 fa ba ka tshokane ba bona mongwe a supa dikai tse di fa godimo. Le fa go ntse jalo, banni ba tlhalositse fa ba tlhobaediwa ke tshwetso eo e ba reng e baya matshelo a bone mo boraing jwa go tsenwa ke mogare wa bolwetse joo fa bo ka tlhagoga.
Fa ba tsibogela seo, ba botsogo ba boletse fa go ka se nne jalo ka ba re go tla dirwa tlhokomelo e e tseneletseng go sireletsa ba ba mo tikologong ya kokelwana eo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : PALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 30 Oct 2014