Breaking News

Thuto e ka nyeletsa lehuma

30 Oct 2014

Mogolwane wa lephata la thuto kwa kgaolwaneng ya Hukuntsi, Mme Atlasaone Mmereki a re thuto ke ntlha nngwe e e botlhokwa e e ka nnang le seabe se segolo mo go nyeletseng lehuma.

Fa a bua kwa moletlong wa kabo dimpho wa sekole se se botlana sa Monong bosheng, Mme Mmereki a re lehuma ke selo sa nakwana mme le ka ntshiwa fela ke thuto. 

A re motho o tshwanetse go baya thuto kwa pele, a supa fa a lemoga dikgwetlho tse baithuti ba mafelo a a kgakala le ditlamelo ba nang le tsone jaaka ba motse wa Monong mme a ba rotloetsa go bereka ka thata go di fenya. 

A re gore lehuma le nyelediwe lefatshe leno ka bophara baithuti ba tshwanetse go nna manontlhotlho mo dithutong tsa bone gore ba kgone go  direla  setshaba.

Mme Mmereki o kopile baithuti ba lekwalo la bosupa go ipaakanyetsa legato le le latelang la thuto ya bone mme a kgothatsa batsadi go dirisana le baruta bana gonne baithuti ba a rotloetsega fa ba bona go nale tirisano mmogo fa gare ga bobedi jo. 

O tsweletse a re lephata la thuto le tlhabololo dikitso le itlamile go neela Motswana mongwe le mongwe thuto go sa kgathalesege gore o tswa  mo kgaolong efe ya  lefatshe leno.

Fa a ntsha la gagwe, mogokgo wa sekole seo, Rre Tiro Barei o iteetse baithuti legofi mo go tshwareng ka thata mo dithutong tsa bone, a supa fa palo ya baithuti ba ba tlogetseng sekole ele kwa tlase fela thata le ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho. 

Le fa go ntse jalo, Rre Barei a re o ngongoregisiwa ke go tlhaela ga metsi mo sekoleng seo mme mo letlhakoreng le lengwe o boletse fa a itumelela tirisano mmogo ya barutabana le batsadi fela thata. bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : HUKUNTSI

Event : Kabo dimpho

Date : 30 Oct 2014