Kgosi o kopa mokwaledi
30 Oct 2014
Kgosi ya Moshaweng mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Kgosi Kegobonye Maruping a re letlhoko la mokwaledi mo kgotleng ya gagwe le dira gore dikgetse di kgweleane, selo se a reng se ama tiro ya gagwe fela thata.
E rile a bua mo potsolotsong, Kgosi Maruping a re mokwaledi wa gagwe o sa le a tsamaile dingwaga tse pedi tse di fetileng mme le jaana ga a ise a emisetswe. A re mo nakong eno ba thusiwa ke mokwaledi wa motse o ba bapileng le one wa Monwane yo le ene a tlang gangwe fela mo bekeng.
Le fa go ntse jalo, a re se ga se kgonege ka nako tsotlhe ka jaana fa gongwe go tlhokega sepalamo sa go ya go mo tsaya.
A re mo nakong eno ga a kgone go lemoga sentle gore dikgetse tse di tshwenyang thata mo motseng wa gagwe ke dife ka jaana letlhoko la mokwaledi le raya gore ga gona kgetse e e kwadisiwang.
Kgosi Maruping a re o lemoga fa borukutlhi bo santse bo le kwa tlase mo motseng wa gagwe ka gantsi bo diragala fela nako ya malatsi a boitapoloso, mme ele jo e seng ja sepe jaaka go thujwa ga dimausu. A re gape go supagetse fa badira molato gantsi e se batho ba ba tswang mo Moshaweng.
O tsweletse a tlhalosa fa ba na le dingwaga ba ntse ba lela ka tsela ya Molepolole-Moshaweng e a bolelang e tlhokana le go tshelwa sekontere go ya go felela kwa Jwaneng gore e fokotse motsopodia wa go ya go boa kwa Kanye fa go iwa Jwaneng.
A re le ntswa tsela eo e tlhokomelwa sentle ka go gopiwa, molemo-mogolo e ka nna go tshelwa sekontere.
Mo go tse dingwe, Kgosi Maruping o tlhalositse fa mananeo a puso a amogetswe sentle mo motseng wa gagwe mathata ele go tlhoka tirisano mmogo ga banni le badirela puso mo go dirang gore batho ba ba rekisitseng dipodi ka lenaneo la LIMID ba tsaye lebaka go bona dituelo tsa bone.
Source : BOPA
Author : Olekantse Sennamose
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 30 Oct 2014