Lekgotla la BOPEU le aba dimpho
30 Oct 2014
E rile bosheng lekgotla la babereki la BOPEU la kgaolo ya Kgatleng la abela bana ba lelwapa loo- ra Lekoko kwa Mmathobudukwane dijo, diaparo le melora.
Modulasetilo wa lekgotla leo, Rre Booster Mogapi o tlhalositse fa ba bone go tlhokafala gore ba thuse mongwe gonne go molemo thata go abela ba bangwe mo botshelong.
Rre Mogapi a re ba ne ba ikgolaganya le ba ofisi ya boipelego go ba batlela bangwe ba ba tlhokang thusa mme ba fiwa bana ba lwapa loo-ra Lekoko. O tlhalositse gore tiro ya bone e le badirela puso ga se go nna fela mo diofising ba thusa setshaba mme le bone ba itlamile go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.
O tsweletse a re ba tla a tswelela ba thusa fa ba kgonang teng. Le fa go ntse jalo, o kgothaditse bana ba ba abetsweng dilwana tseo go dira ka natla mo dithutong tsa bone.
Fa a tswa la gagwe, moemedi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Mme Naomi Lekgabe o galaleditse ba lekgotla la BOPEU ka tiro e ntle e ba e dirileng mme a ba rotloetsa go tswelela ba thusa ba bangwe.
A re le puso ya lefatshe leno e rotloetsa mowa wa go thusa ba ba sa kgonneng mo botshelong a tlatsa ka gore Batswana ka bontsi ba na le mowa wa go abela ba bangwe jaaka dikomiti ka go farologana di tsweletse ka go thusa mo kgaolong ya bone.
Mme Lekgabe o supile fa dimpho tseo di tla a tlisa pharologanyo mo baneng bao ka lekgotla leo le di ba file ka lorato. Le fa gontse jalo, o kopile gore mo nakong e e tlang fa ba na le modiro wa go nna jalo ba laletse ba maphata a mangwe ka go farologana gore le bone ba tle go tsaya malebela mo go ba bangwe.
E rile a ama bana ba ba neng ba abelwa dilwana tseo ka lefoko, a tlhalosa gore ga ba a tshwanela go itlhoboga mo botshelong ka sengwe le sengwe se na le nako ya sone mme a gatelela gore dimpho tseo ke tshegofatso mo matshelong a bone.
E ne ya re go le pele fa a amogela baeng, Kgosana Rre Balebetse Pilane a leboga ba lekgotla leo le ba ba neng ba tsile kwa tirong ka ba bone go le maleba go tlogela ditiro tsa bone .
O supile fa a eletsa fa le bone mo motseng wa bone ba ka nna le mekgatlho e e thusang batho ba ba tlhokileng lesego mo botshelong, a tlatsa ka gore mo malatsing ano batho ba tshelela mo pitlaganong ka ba le bantsi ba tlhoka thuso.
A re botshelo jwa nako eno ga bo tshwane le jwa maloba jo bo neng bo se turu e bile batho ba thusana fela thata. Bana ba barataro ka palo ba ne ba abelwa diaparo mme ba bona go tshwanela gore ba ba rekele dijo le melora. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : MOCHUDI
Event : Kabo dimpho
Date : 30 Oct 2014