Breaking News

Palamente e tlhopha mapalamente a a le mane

29 Oct 2014

E rile ka Labobedi palamente ya tlhopha mapalamente a le mane go tlaleletsa mo go a masome matlhano le bosupa a a itlhophetsweng ke setshaba mo ditlhophong tse di sa tswang go tshwarwa.

Fa a sena go ikanisiwa, Tautona Lt General Seretse Khama Ian Khama  o ne  a ntsha  maina a le mane  a a akaretsang matona a pele eleng Rre Kitso Mokaila le Kenneth Matambo le mokwaledi wa pele wa ga tautona Rre Eric Molale gammogo le moatlhodi wa pele, Dr Unity Dow .

Rre Molale  o ne a tshwanetse go tlogela tiro ya bodirela puso ka Sedimonthole ngwaga ono morago ga go direla setshaba ka botswapelo go simolola ka 1981ele mothusa molaodi kwa Tsabong. O ne gape a direla puso ele mokwaledi mogolo wa lephata la dikgaolo le  tlhabololo magae pele a ya kwa ofising  ya ga tautona ka 1998.

Rre Mokaila ene o ne a tlhophiwa go ya palamenteng ka 2004 a bo a dirwa  tona ya  diphologolo le makgabisa naga mme ka 2012 a tlhophiwa go nna tona ya  kgotetso le metsi  go fitlhelela bokhutlo jwa  palamente ya lesome.

Dr Unity Dow ke ene  mosadi wa ntlha go tlhophiwa go nna moatlhodi mogolo mo lefatsheng leno. Dr Dow ke molwela ditshwanelo le mokwadi wa dikgang  tsa tekatekano ya bomme le molwela kgololesego e bile  ele leleko la International Women’s Right Watch.

Rre Matambo o  tsene mo  palamenteng  ka 2009 ele mopalamente yo o itlhophetsweng mme morago a tlhophiwa go nna tona wa madi le ditogamaano tsa ditlhabololo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GABORONE

Event : Palamente

Date : 29 Oct 2014