Motlhokapono o akola LIMID
29 Oct 2014
Go lebega ba-na-le bogole bangwe segolo jang ba banana ba ikiteile sehuba go iphataphatela gore ba nne le seabe se se bonalang mo go tswakanyeng itsholelo ya lefatshe leno ka puso e otlolotse letsogo go thusa Batswana ka mananeo a a farologaneng.
Monana wa motlhoka pono, Rre Bakopanye Tlhalefanang wa Ditshegwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ga a batle go salela morago ka a ikopetse lenaneo la go rua.
Rre Tlhalefanang a re e ne ya re morago ga go utlwa fa puso e boloditse letsholo go nyeletsa lehuma mo Batswaneng a seka a ipona tsapa le gone go kgobiwa marapo ke go bo a tshotswe ka bogole mme a ya go ikopela dithuso gore a tokafatse botshelo jwa gagwe mme ka lesego a thusiwa ka lenaneo la LIMID la thuo ya dipodi.
Rre Tlhalefanang a re o ipona a le lesego fela thata go bo e le mongwe wa Batswana ba ba thusitsweng mme a leboga puso go bo e tsweletse ka go tswa ka maano a a ka tokafatsang seemo se ba tshelelang mo go sone.
O boletse fa lenaneo leo le mmelege fela thata ka jaana a sa wele mo isong e bile go mo file thotloetso ya gore le ene o ka itshedisa ka diatla tsa gagwe.
A re ka e le motlhoka pono ga go bonolo go tlhokomela leruo la gagwe sentle mme fela a supa fa seo se sa mo kgobe marapo ka jaana a thusiwa ke ngwana wa gagwe wa mosetsana yo ka nako tsotlhe a netefatsang gore leruo le a bolodiwa e bile le boela mo lesakeng mo maitseboeng.
Mo nakong eno Rre Tlhalefanang yo e leng modulasetilo wa komiti ya ba-na-le bogole kwa motseng oo, a re ntswa ba lebogela puso go bo e ba tsaya tsia, go santse go na le difatlhi tse di ba emeng pele go ka fitlhelela dithuso ka ntlha ya go tlhoka kitso le go sa tsewa tsia fa ba batla thuso mo setshabeng le mo diofising tsa puso.
A re fela jaaka puso e itlamile go tlhomamisa gore e a ba tlhabolola, go botlhokwa gore le morafe o ba amogele le go ba tswa thuso mo dikgwetlhong tse di ba lebaneng, a supa fa setshaba e le sone se se ka tsisang tsholofelo, monyenyo le boitumelo mo mathateng a a ba farifarileng.
O tsweletse ka go gwetlha batsadi ba ba nang le bana ba ba nang le bogole go ba tsamaisa mo makalaneng a a tshwanetseng go ba kopela dithuso gore ba itirele ka diatla fa go kgonega go tila lehuma ka se, se ka imolola puso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 29 Oct 2014