Ba ba kobo dikhutshwane ba senkelwa babueledi
29 Oct 2014
Moanamisa mafoko wa lekalana le le lebaganeng le go thusa batho ka ditirelo tsa melao mo lephateng la tsa melao Mme Prudence Ramotsepu a re puso e dumalane le mogopolo wa go thusa Batswana ba ba sa kgoneng ka babueledi kwa makgotleng a ditsheko gore le bone ba seka ba jewa ntsoma.
Fa a buisa banni ba Mahalapye bosheng, Rre Ramotsepu o boletse fa lekalana la Legal Aid le itebagantse le go thusa Batswana ka ditirelo tsa melao, bogakolodi le babueledi mo makgotleng a ditsheko jaaka a bommakaseterata, kgotla kgolo ya ditsheko, kgotla ya ditsheko tsa khiro, ya ditsheko tsa lefatshe le ya boikuelo.
Mme Ramotsepu o rile ere ka Batswana ba bantsi ba jewa ntsoma ka ntlha ya go tlhoka kitso le madi a go batla babueledi, puso e tsere tshwetso ya go dirisa makgetho a a tswang mo pusong go neela Batswana ditirelo tsa go nna jalo.
A re babueledi ba ba tla bong ba emela batho mo makgotleng a ditsheko ba tla bo batswa mo lekalaneng le le ikemetseng la babueledi le gantsi le bidiwang Law Society ka maikaelelo a go sireletsa ditshwanelo tsa batho ba ba sa ikgoneng mo isagong.
Mme Prudence o tlhalositse fa dingwe tsa dikgang tse lekalana le le tla itebaganyang le tsone ele tsa kgokgontsho mo malwapeng, go kgaogana ga banyalani, tlhokomelo ya bana, dikgang tsa go amogiwa lefatshe le dikgang tsa go tsietswa ga badiri ke bahiri mo ditirong.
O boleletse banni ba Mahalapye gore dikgang tse lekalana la gagwe le sa amaneng le tsone di akaretsa ditsheko tsa borukutlhi, dikgang tse di mo makgotleng a Setswana, dikgang tsa go senngwa leina, go tsuulola sephiri, go dielwa nako ya lenyalo le dikgang tsa go thubiwa ga malwapa.
Mme Prudence o rile batho ba ba ikopelang dithuso kwa lekalaneng leo ba tshwanetse go tla ka dikarata tsa Omang, dipampiri tse di supang dikamogelo tsa mmereki, ditlankana tsa lenyalo, ditlankana tsa matsalo a bana le bosupi bongwe le bongwe jo bo amanang le kgang e e bewang lekgotla pele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng.
Location : MAHALAPYE
Event : Phutheg ya morafe le ba lephata
Date : 29 Oct 2014