Ba boitekanelo ba phepafatsa motse
28 Oct 2014
E rile bosheng ba lephata la tlhokomelo tikologo mo kgaolong ya Ghanzi ba tshwaragane le banana ba sekole sa Boitekanelo College ba bo ba kopanetse go phephafatsa motse oo.
Mo potsolotsong bosheng, mogolwane mo lephateng leo, Rre Ontiretse Pelokgale o tlhalositse fa ba tshwenyegile thata ka botsogo jwa banni ba Ghanzi segolo bogolo kgotla ya Bosele e a bolelang e sa robalelwa ke ditlhokwa ka e aparetswe ke dintsho tsa bana ba bannye ka lebaka la leswe le le mo tikologong ya bone.
O supile fa banana ba Boitekanelo ba ile ba thusa fela thata mo go ruteng banni mo malwapeng a bone ka bodiphatsa jwa leswe mo tikologong gammogo le go thusa go phephafaletsa ba ba sa ikgoneng.
A re o itumedisitswe ke tirisano mmogo ya banni gammogo le tshwaragano ya bone mo maitekong a ba a dirileng go leka go phephafatsa tikologo.
Rre Pelokgosi a re le fa gone ba lekile go phephafatsa kgotla ya Bosele, go santse go na le kgwetlho ya go sa nneng teng ga matlo a boitiketso le majalwa a Setswana a a rekisediwang gongwe le gongwe.
O kaile fa ba dira ka bojotlhe go leka go tsenya seemo sa tikologo eo mo mannong ka ba thapile badiri ba Green Scorpion go thusa go ruta le go gakolola ka bodiphatsa jwa leswe le le mo tikologong ya batho.
A re ba dirisana le ba Ipelegeng go phephafatsa mafelo a gantsi a senang ope ka matlakala a tshabelela mo go one.
Rre Pelokgosi o supile fa ba na le tsamaiso e e salwang morago fa go ka fitlhelwa motho a kgotlela tikologo.
O boletse fa mongwe le mongwe yo o eletsang go tseelwa matlakala kgwedi le kgwedi a tshwanetse go ntsha dipula tse di lesome go netefatsa gore o direlwa jalo.
O tsweletse a tlhalosa fa ba abetse ba ba tlhokang ditanka tse di tsenyang matlakala di le lesome mo kgotleng ya Bosele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keswetseng Samokunda
Location : GHANZI
Event : Potsolotso
Date : 28 Oct 2014