Mmaosha ke sekao sa bonatla mo tirong
28 Oct 2014
Mme Mmaosha Tuelo wa Bobonong ke mongwe wa Batswana ba ba nang le seabe mo go ageng le go tlhabolola lefatshe la Botswana.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, o supile fa a simolotse go direla motlobo wa dibuka mo Bobonong ka 1986 go fitlhelela ka 2014.
Mme Mmaosha a re bobelotelele le go bereka ka natla ke gone go mo dirileng se a leng sone mo nakong eno ka a setse a kgona go dirisa maranyane a inthanete le dikhompiutara ntle le go ya sekoleng go di ithutela.
O tlhalositse fa go bereka mo motlobong wa dibuka go tlhokana le lerato gammogo le boikobo ka tiro ya go bereka motho letsatsi le letsatsi e se motlhofo ka jalo e batla bopelotelele.
Mme Mmaosha a re go dira mo motlobong wa dibuka go mo neetse lesedi la go ithuta go leba ditiragalo ka leitlho le le tseneletseng segolo jang ka gore mo nakong eno o setse a ithutile go kwala mainane.
O supile fa a tsamaya mo dikoleng tse dipotlana go tlhabela bana ba lekwalo la ntlha dikinane le go ba ruta gore di raya eng.
Mme Mmaosha o tlhalositse fa a le mo tseleng ya go kwala buka ya dikinane e a batlang gore e dirisiwe mo dikoleng tse dipotlana.
A re maikaelelo a go kwala buka ya dikinane ke go somarela ngwao ya Setswana e e gomagomediwang ke go nyelela.
O tsweletse ka go supa fa go direla mo motlobong wa dibuka go mo neetse sebaka sa go dira dipatlisiso le go ithuta ka ngwao ya Setswana segolo jang ya Sebirwa.
A re ditlhopha tsa mmino wa Setswana di akaretsa Shumba Ratshega le Culture Spears di tswa mo diatleng tsa gagwe.
O boletse gore morago ga go tlhama ditlhopha tseo, e ne ya re ka 2004 ditlhopha tseo tsa lalediwa go ya go emela lefatshe la Botswana kwa China. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moses Moleboge
Location : BOBONONG
Event : Potsolotso
Date : 28 Oct 2014