Breaking News

Moletsi o galaletsa dikgaisano

28 Oct 2014

Rre Makgotla Tumisang wa Letlhakeng o tlhalositse fa dikgaisano tsa bodiragatsi tse di rulaganngwang ke ba lephata la banana di le botlhokwa fela thata ka di fa batho sebaka sa go supa ditalente tsa bone. 

E rile a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Tumisang a tlhalosa gore e sale dikgaisano tsa bodiragatsi di simolola, o bone go le botoka gore a tshameke segaba ka ba le bantsi ba sa itse go se tshameka e bile a bona a ka tswa ka sengwe mo dikgaisanong tsa sone. 

O kaile fa segaba e le seletso sa setso go tswa bogologolong ka gantsi se ne se letswa ke matlhogo putswa thata.  Rre Tumisang o boletse gore o sale a rata go tshameka segaba ka 1992 a sena go tlogela sekole. 

A re o ne a sa rate sekole mme e re nako tsotlhe fa a ngwega a bo ya kwa ga malomaagwe go kopana le bontsalae go mo ruta go tshameka segaba.

A re fa a sale a tsena mo dikgaisanong tsa bodiragatsi kwa Letlhakeng, o nna a tsaya maemo a ntlha mo legatong la dikgotlana fa mo go la dikgaolwana a tsaya a bobedi ka a kopana le ba bagolwane mo go ene ka jalo ba mo kgaphisa sethitho.

O tsweletse a bolela fa dikatso tse a nnang a di tsaya kwa dikgaisanong di mo tswela mosola ka a kgonne go gokela motlakase kwa lwapeng mme e bile a kgona le go reka dijo.

 Rre Tumisang o boletse fa gape a kgobokanya tsa kago go ikagela ntlo mo setsheng sa gagwe.  Rre Tumisang o boletse gore o na le bokgoni jwa go tshameka katara le fa ntswa e santse e na le go mo tsietsa e bile gape a tshaba le go nkgisana magwafa le baletsi bagolo ba kgaolo ya gagwe.

O kgothaditse botlhe ba ba nang le talente ya go diragatsa go e dirisa go itshetsa mme a gwetlha botlhe ba ba nang le keletso ya go ithuta go letsa segaba go ikgolaganya le ene gore a ba rute mahala. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moses Mokoanene

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 28 Oct 2014